Tswana 1992 Bible - 24 verses
1Ga dirala ya re morafe otlhe o sena go kgabaganyetsa Joretane ruri, Jehofa a bua le JoĆĄua, a re:
2âLo itseele banna ba le 12 mo bathong, monna a le mongwe fela wa lotso longwe le longwe.
3Lo ba laole, lo re: âTsayang fano mo gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti di ne di tsepame gone, maje a le 12, lo tshele nao, lo ye go a baya kwa marobalong, kwa lo tlaa lalang gone gompieno.â â
4Foo JoĆĄua a bitsa banna ba ba 12, ba o ne a ba baakantse ba bana ba Iseraele, monna a le mongwe fela wa lotso longwe le longwe.
5JoĆĄua a ba raya a re: âFetang lo tsamaye fa pele ga letlole la ga Jehofa Modimo wa lona, lo ye kwa bogareng jwa Joretane, mme monna mongwe le mongwe wa lona a tseye lentswe ka legetla, ka fa palong ya ditso tsa bana ba Iseraele:
6Gore selo se e nne sesupo mo go lona, sa go re e tle e re fa bana ba lona ba botsa mo lobakeng lo lo tlang, ba re: âLo kayang ka maje a?â
7Foo lo tlaa ba raya lo re: âKe ka gonne metsi a Joretane a ne a kgaolwa fa pele ga letlole la kgolagano ya ga Jehofa; e rile re kgabaganya Joretane metsi a Joretane a kgaolwa; mme maje a, a tlaa nna segopodiso mo baneng ba Iseraele ka bosakhutleng.â â
8Bana ba Iseraele ba dira jalo jaaka JoĆĄua a laotse, ba tsaya maje a le 12 mo gare ga Joretane, jaaka Jehofa a buile le JoĆĄua, ka fa palong ya ditso tsa bana ba Iseraele; mme ba ya nao kwa ba yang go lala teng, ba a baya teng.
9JoĆĄua a tlhoma maje a le 12 mo gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano di ne di eme gone. A teng le gompieno.
10Ka gonne baperesiti ba ba rweleng letlole ba ne ba ema mo gare ga Joretane, ga tsamaya tsotlhe tsa wediwa tse Jehofa o di laoletseng JoĆĄua, gore a di bue le batho ka fa go tsotlhe tse MoĆĄe o di laoletseng JoĆĄua; batho ba itlhaganela, ba kgabaganya.
11Ga dirala ya re batho botlhe ba sena go tshelela ruri, letlole la ga Jehofa la tshela, le baperesiti, mo ponong ya batho.
12Bana ba ga Rubene, le bana ba ga Gate, le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, ba tshela ba tlhometse fa pele ga bana ba Iseraele, jaaka MoĆĄe a buile nabo.
13Ga kgabaganya e ka ne e le batho ba le 40 000, ba kgabaganya ba tlhometse ba iketleeleditse ntwa, ba tshela fa pele ga Jehofa, ba ya tlhabanong, mo dipaleng tsa Jeriko.
14Jehofa a godisa JoĆĄua ka tsatsi leo mo ponong ya Baiseraele botlhe, mme ba mmoifa, jaaka ba ne ba boifa MoĆĄe, ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.
15Jehofa a bua le JoĆĄua, a re:
16âLaola baperesiti ba ba rweleng letlole la tshupo, gore ba tlhatloge mo Joretane.â
17Foo JoĆĄua a laola baperesiti, a re: âTlhatlogang mo Joretane.â
18Ga dirala ya re baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano ya ga Jehofa ba sena go tlhatloga mo gare ga Joretane, dipato tsa dinao tsa baperesiti di sena go nanogela mo lefatsheng le le omeletseng, metsi a Joretane a boela kwa bonnong jwa one, a penologela dimota tsotlhe tsa one, jaaka gale.
19Batho ba tlhatloga mo Joretane ka letsatsi la lesome la kgwedi ya ntlha, ba thibelela mo Gilegale, go pota Jeriko ka fa botlhabatsatsi.
20Maje ao a a some le metso mebedi, a ba a ntshitseng mo Joretane, JoĆĄua a a tlhoma mo Gilegale.
21A bua le bana ba Iseraele, a re: âE tlaa re fa bana ba lona ba botsa borraabo mo lobakeng lo lo tlang, ba re: âMaje ao a kayang?â
22Foo lo tlaa itsise bana ba lona, lo re: âIseraele o ne a kgabaganya Joretane ono, ba gata lefatshe le le omeletseng.â
23Gonne Jehofa Modimo wa lona o ne a kgadisa metsi a Joretane fa pele ga lona, ga tsamaya lwa tshela, jaaka Jehofa Modimo o kile a direla Lewatle le Lehibidu, le o ne a le kgadisa fa pele ga rona, ga tsamaya ra tshela,
24gore ditĆĄhaba tsotlhe tsa lefatshe di itse letsogo la ga Jehofa fa le nonofile; le gore ba boife Jehofa Modimo wa lona ka bosakhutleng.â