Tswana 1992 Bible - 22 verses
1“Mowa wa me o tennwe ke botshelo jwa me; ke tlaa golola go itoka ga me; ke tlaa bua ka bogalaka jwa mowa wa me.
2Ke tlaa raya Modimo ke re, O se ka wa ntshekisa; o nkaele ka fa o ganelang le nna ka gone.
3A go molemo mo go wena fa o ka patika, fa o ka nyatsa tiro ya diatla tsa gago, mme o phatsimela kgakololo ya baikepi?
4A o na le matlho a nama, kgotsa a o bona jaaka motho a bona?
5A malatsi a gago a tshwana jaaka malatsi a motho, kgotsa dinyaga tsa gago, jaaka malatsi a motho,
6fa e bo ne ne o botsa ka ga boikepo jwa me, o hukutsa ka ga boleo jwa me,
7le fa o ntse o itse fa ke se boikepo; le gone go se na ope yo o ka gololang mo seatleng sa gago?
8Diatla tsa gago di mpopagantse, tsa ntshwatshwaela fela gotlhe; le fa go ntse jalo o a ntshenya.
9Ke a go rapela, a ko o nkgakologelwe go re o mpopile jaaka letsopa; mme a o tlaa ba o mpusetsa mo loroleng?
10A ga o a nthela jaaka maši, wa nthemisa jaaka madila a a loileng.
11O nkapesitse letlalo le nama, o ntshwaragantse ka marapo le mesifa.
12O nneile botshelo le botsalano, le pabalelo ya gago e tlametse mowa wa me.
13“Le fa go ntse jalo, dilo tse o ne wa di loba mo pelong ya gago; ke a itse fa selo se, se na nao;
14fa ke leofa, foo o a tle o ntlhokomele, mme ga o ketla o nkgolola mo boikepong jwa me.
15Fa ke le boikepo, go tlaa bo go latlhega nna; mme fa ke le tshiamo, le fa go ntse jalo ga nketla ke tsholetsa tlhogo; ka ke tletse ditlhong, ke ntse ke lebile patikego ya me.
16Ka tlhogo ya me e ikgoletsa, o a tle o ntsome jaaka tau; gape o iponatse kgakgamatso mo go nna.
17O ntšhafaletsa basupi ba gago ba ba nnayang molato, o ntotisetse kgakalo ya gago; ntwa e e tlhomaganyeng le ntwa e tlhabana le nna.
18“E le foo o nntsheditse eng mo sebopelong? Nka bo ke ne ke sule, leitlho lepe le koo le se ka la mpona.
19Nka bo ke ne ke tshwana jaaka fa nka bo ke seyo gope; nka bo ke ne ke tsewa mo sebopelong ka isiwa phupung.
20A malatsi a me ga a mabotlana? Ke gone khutla, mme o ntese gore ke tle ke ikgomotse go le gonnye,
21ke ise ke ye kwa ke se ketlang ke boa gone, e bong kwa lefatsheng la lefifi le la moriti wa loso;
22lefatshe la lefifi le le kwenneng jaaka lefifi tota; lefatshe la moriti wa loso le le se nang thulagano, le kwa lesedi le ntseng jaaka lefifi gone.”