Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Foo ga fetola Sofare wa Monaamathe, a re:
2βA bontsi jwa mafoko a ga bo a tshwanela go fetolwa, a monna yo o sephoko o tshwanetse go siamisiwa?
3A maipelafatso a gago a tshwanetse go khutlisa banna go bua? Fa o sotla, a ga go motho ope yo o tlaa go tlhabisang ditlhong?
4Gonne o ithaya o re: βTumelo ya me e itshekile, ke montle mo matlhong a gago.β
5A bo Modimo o ka ka wa bua, wa go tumololela dipounama tsa one;
6le gore o go supetse maoma a botlhale fa bo le maranyane mo go digeleng go dira. Ke gone itse fa Modimo o go lefetse ka thata mo go botlana bogolo go tshwanelo ya boikepo jwa gago.
7A o ka lemoga Modimo ka go kheleisa? A o ka lemoga Mothatayotlhe ka botlalo?
8Go godimo jaaka legodimo; o ka dirang? Go boteng go feta Bobipo; o ka itseng?
9Selekanyo sa gone se feta lefatshe ka boleele, se feta lewatle ka boatlhamo.
10Fa o tshwara motho, o mo tswalela, mme o mmiletsa tshekong, foo e mang yo o ka o kganelang?
11Gonne o itse banna ba boithamako; le boikepo o a bo bona, le fa ekete ga o bo tlhokomele.
12Motho a le boithamako ga a na tlhaloganyo; ee, motho o tsalwa jaaka eselana ya esela ya naga fela.
13βFa o baakanya pelo sentle, o otlolela diatla tsa gago kwa go one;
14fa boikepo bo le mo seatleng sa gago, o bo lelekele kwa kgakala, mme a tshiamololo e se ka ya aga mo megopeng ya gago;
15foo ruri o tlaa tsholetsa sefatlhogo sa gago se sena setshubaba; ee, o tlaa tsepama, mme o se ke o boife;
16gonne o tlaa lebala matladika a gago; o tlaa a gakologelwa jaaka metsi a a kgophogetseng koo.
17Le botshelo jwa gago bo tlaa nna phepha bogolo go motshegare; le fa go le lefifi, le tlaa nna jaaka moso fela.
18O tlaa nna thagamong, ka go na le tsholofelo; ee, o tlaa keleka tikologong ya gago, mme o tlaa ikhutsa mo polokegong.
19Le gone o tlaa itelega, mme ga go na ope yo o tlaa go boifisang; ee, batho ba le bantsi ba tlaa tla go lopa mo go wena.
20Mme matlho a baikepi a tlaa kalega, mme ga ba ketla ba nna le tsela ya botshabelo, le tsholofelo ya bone e tlaa bo e le go swa fela.β