Tswana 1992 Bible - 35 verses
1Foo Jobe a fetola a re:
2“Le gale ke a itse fa go ntse jalo, mme motho o ka siama jang fa pele ga Modimo?
3Fa a rata go ganela nao, ga a kake a o fetola ka ga molato o le mongwe fela mo go e e makgolo a lesome.
4O botlhale mo pelong, o thata mo nonofong; e mang yo o o ithatafaleditseng mme a tlhogonolofala?
5O o sutisang dithaba, di se ke di itse, mogang o di pitikololang mo bogaleng jwa one.
6O o reketlisang lefatshe, le tloge felong ga lone, le maotwana a lone a rorome.
7O o laolang letsatsi, mme le se ke le tlhabe; o bo o kane dinaledi.
8O o phuthololang magodimo o le osi, o gate makhubu a metsi a lewatle.
9O o dirang dinaledi tsa Kgogamasigo, Oriona, Selemela, le matlwana a kwa Borwa.
10O o dirang dilo tse dikgolo tse di se nang botlhotlhomiso; ee, dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo.
11Bonang, o kgabaganya fa go nna, mme ga ke o bone; le gone o fetele kwa pele, mme ga ke o lemoge.
12Bonang, o a thopa, mme e mang yo o ka kganelang? E mang yo o tlaa o rayang a re: ‘O dirang?’
13“Modimo ga o ketla o kganelela bogale jwa one kwa morago; bathusi ba moikgogomosi ba ikokobetse fa tlase ga gagwe.
14Ana nna bogolo jang, ke tlhoka ka fa ke ka o fetolang ka gone, le go itlhophela mantswe a nka ganetsanyang nao ka one.
15O, le fa ke ne ke le tshiamo, le fa go ntse jalo ke ne ke se ketla ke o fetola, ke ne ke ka kokotlela moganetsi wa me fela.
16Fa nka bo ke ne ke biditse, mme fa o ne o nkarabile; le fa go ntse jalo ke ne ke se ketla ke dumela fa o reeditse lentswe la me.
17Gonne o nthobaka ka ledimo la phefo, o ntsifatsa dintho tsa me ka bomo.
18O gana go nteseletsa ka kgwa setšhe, o ntlatsa ka bogalaka.
19Fa re bua ka ga thata ya mothata, bonang, o a bo a le fa! Fa e le ka ga tsheko, e mang yo o tlaa ntaolelang lobaka?
20Le fa ke le tshiamo, o o leng molomo wa me o tlaa ntshekisa; le fa ke le boitekanelo o tlaa ntshupa gore ke lesoko.
21Le fa ke itekanetse ga ke itlhokomele; ke nyatsa botshelo jwa me.
22Go tshwana fela; ke gone ke reng, o senya moitekanedi le moikepi.
23Fa sebetso se bolaya ka tshoganetso, o tlaa sotla ka tshenyegelo ya yo o se nang molato.
24Lefatshe le tsentswe mo seatleng sa baikepi, o khurumetse sefatlhogo sa baatlhodi ba lone; fa e se one, ana e tlaa bo e le mang?
25“Jaanong malatsi a me a bofefo bogolo go motabogi yo o isang dikwalo; a tshabela koo, ga a bone molemo ope.
26A fetile jaaka dikepe tse di hadimang; jaaka ntswi yo motona yo o tsuulalelang phologolo.
27Fa ke re: ‘Ke tlaa lebala boitoko jwa me, ke tlaa apola sefatlhogo se se tlhontseng, ke tlaa nametsega pelo;’
28ke boifa mahutsana a me otlhe, ke a itse fa o se ketla o nkaya go re ga ke na molato.
29Ke tlaa sekisiwa; ke ka ntlha yang fa ke kgokololela lefela?
30Fa ke tlhapa ka metsi a kapoko, ke ba ke intlafatsa diatla mo go ntseng jang;
31le fa go ntse jalo, o tlaa nthabuetsa mo moseleng wa metsi, diaparo tse e leng tsa me di tlaa nkila.
32Gonne one ga se monna jaaka nna, yo ke ka reng ke ka mo fetola, gore re tle re kopane mmogo mo tshekong.
33Ga go na motsereganyi gare ga rona, yo o ka re bayang seatla roo babedi.
34A o tlose thupa ya one mo go nna, a theregiso ya one e se mpoifise;
35foo ke ne ke tlaa bua, ke sa o boife, gonne mo go nna ka nosi ga ke a nna jalo.