Tswana 1992 Bible - 25 verses
1Foo Jobe a fetola, a re:
2βGa go na pelaelo, ke lona batho tota, mme botlhale bo tlaa swa le lona.
3Mme le nna ke na le tlhaloganyo jaaka lona; ga ke kwa tlase ga lona: ee, dilo tse di ntseng jalo, e mang yo o sa di itseng?
4Ke ntse jaaka mongwe yo o leng setshego sa ba ga gabo, e le motho yo o kileng a biletsa kwa Modimong, mme wa mo araba; mosiami, monna yo o itekanetseng ke ene setshego.
5Mo mogopolong wa yo o mo boiketlong go na le go nyatsa botlhoka lesego, gone go etleetsegetse yo o relelang.
6Megope ya dinokwane ya tlhogonolofala, le ba ba gakatsang Modimo ba thagame; ba Modimo o tsenyang letlotlo mo seatleng sa bone.
7Mme a ko o botse ditshedi jaana, mme di tlaa go ruta; le dinonyane tsa loapi, mme di tlaa go bolelela.
8Kgotsa o bue le lefatshe, le tlaa go ruta; le ditlhapi tsa lewatle, di tlaa go kakanyetsa.
9Ke ofe yo o sa itseng ka dilo tsotlhe tse, fa seatla sa ga Jehofa se dirile mo?
10Yo mowa wa sengwe le sengwe se se tshedileng o leng mo seatleng sa gagwe, le mowa wa batho botlhe fela.
11A tsebe ga e leke mafoko, fela jaaka magalapa a tle a utlwe dijo?
12Botlhale bo na le batsofe, le mo bontsing jwa malatsi go na le tlhaloganyo.
13Mo go one go na le botlhale, le thata; ke one o o nang le kgakololo le tlhaloganyo.
14Bona, o a tle o rutlolole, mme ga go kake ga agiwa gape; o tswalele motho, mme go bo go sa kake ga dirana le pulo.
15Bona, o tle o gane ka metsi, mme a tΕ‘he; gape o a lese, mme a pitikolole lefatshe.
16Nonofo e na le one, le go digela go dira; yo o tsiediwang ke wa one, le yo o tsietsang.
17One o tlosa bagakolodi ba thopilwe, le baatlhodi o ba dire dieleele.
18O hunolola dikgole tsa dikgosi, o bofe ditheka tsa tsone ka moitlamo.
19O tlosa baperesiti ba thopilwe, o ribegetse bathati.
20O tlosa puo ya ba ba ikanyegang, o tlose tlhaloganyo ya bagolwane.
21O goromeletsa lonyatso mo magosaneng, o repise moitlamo wa bathati.
22O epolola dilo tse di boteng mo lefifing, le moriti wa loso o o ntshetse mo leseding.
23O ntsifatsa merafe, mme o e senye; o anamisa merafe, mme o e buse.
24O tlosa pelo ya bagolwane ba batho ba lefatshe, o ba kgarakgatshe mo nageng kwa go se nang tsela.
25Ba apaape mo lefifing ba se na lesedi, mme o ba kgokgweetse jaaka motho yo o tagilweng.β