Tswana 1992 Bible - 28 verses
1โBona, leitlho la me le bonye gotlhe fela mo, tsebe ya me e go utlwile, e go tlhalogantse.
2Se lo se itseng, ke sone se le nna ke se itseng; ga ke kwa tlase ga lona.
3Ruri ke rata ka bua le Mothatayotlhe, ke eletsa go ganetsanya le Modimo.
4Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro.
5Lo a bo lo ka ka lwa didimala! Mme e ne e tlaa bo e le botlhale mo go lona.
6Utlwang jaana kganetsanyo ya me, lo reetse kganelelo tsa dipounama tsa me.
7A lo tlaa buelela Modimo ka fa go sa siamang, a lo tlaa buelela one ka tsietso?
8A lo tlaa tlhokomela bomangmang jwa one? A lo tlaa ganelela Modimo?
9A go ka nna molemo fa o lo keleka? Kgotsa jaaka motho a tle a tsietse motho, a lona lo tlaa tsietsa one jalo?
10Ruri o ka tla wa lo omanya, fa lo tlhokomela bomangmang jwa batho ka bosaitsiweng.
11A tlotlomalo ya one ga e ketla e lo boifisa, le poitsho ya one ga e ketla e lo wela?
12Dipolelo tsa lona tse di itsegeng ke diane tsa melora; dikago tsa phemelo tsa lona ke diphemelo tsa seretse fela.
13โDidimalang, lo nte ke bue, go ntlele se se ntlelang fela.
14Nkoo ke tseelang nama ya me ka meno, ka itsenya botshelo jwa me mo seatleng sa me go reng?
15Le fa o mpolaya, ke tlaa nna ke o lebelela fela; le fa go ntse jalo ke tlaa gantshetsa ditsela tsa me fa pele ga one.
16Se le sone e tlaa nna poloko ya me; gonne motho yo o sa reng Modimo sepe ga a ketla a tla fa pele ga one.
17Utlwang puo ya tlhoafalo, mme a go kakanya ga me go nne mo tsebeng tsa lona.
18Bonang jaana, ke rulagantse mafoko a me a a sekwang; ke a itse fa ke tlaa siamisiwa.
19Ene yo o tlaa ganelang le nna e mang? Gonne jaanong fa ke ka didimala fela ke tlaa swa.
20Fa e se dilo di le pedi, o se ka wa di ntirela, foo ga nketla ke iphitlhela sefatlhogo sa gago.
21Tlosetsa seatla sa gago kgakala le nna; a theregiso ya gago e se ka ya mpoifisa.
22Foo o bitse, mme ke tlaa go araba; kgotsa o mme ke bue, mme o mphetole.
23Maikepo a me le maleo a me a kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me.
24O subelang sefatlhogo sa gago, o ba o nkaya go re ke mmaba wa gago?
25A o tlaa gabea lekakaba le le tsubutlwang, a o tlaa alola phufe ya soma?
26Gonne o kwala dilo tse di galakang ka ga me, o njesa boswa jwa maikepo a bokau jwa me;
27le maoto a me o a tsenya mo disaneng, o tlhokometse ditselana tsotlhe tsa me; o ithalela moralo mo tikologong ya dipato tsa dinao tsa me.
28Le fa ke tshwana le selo se se bodileng se se felang, se se tshwanang le kobo e e jelweng ke motoutwane.โ