Tswana 1992 Bible - 22 verses
1βMotho yo o tsetsweng ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduego.
2O tswa jaaka sethunya, mme a kgaolwe; le gone o tshaba jaaka moriti, mme a se ke a tlhola.
3A o budulogela yo o ntseng jalo matlho, o ba o nkisa tshekong nao?
4E mang yo o ka ntshang selo se sentle mo go se se seng sentle? Ga go na ope.
5E re ka malatsi a gagwe a laotswe, le palo ya dikgwedi tsa gagwe e na nao, o bile o mmeetse melelwane ya gagwe e o sa kakeng a e tlola;
6sheboga mo go ene, gore a tle a ikhutse, go tsamaya a dirafatse letsatsi la gagwe jaaka mothapiwa wa tuelo.
7Gonne mo setlhareng go na le tsholofelo ya go re le fa se remilwe se tlaa ba se tlhoga matswela, le go re letswela le lenana la sone ga le ketla le khutla.
8Le fa modi wa sone o onalela mo lefatsheng, le thito ya sone e swela mo mmung;
9le fa go ntse jalo, fa se utlwa monko wa metsi se tlaa kukunya, se ntsha dikala jaaka se se tlhomilweng.
10Mme motho ene o a swa, a nyelele; ee, motho a gonoge, mme o ba a le kae?
11Jaaka metsi a tle a ngangaolege mo letsheng, le noka e tle e kgale e omelele;
12motho o itelega jalo, mme a sa tsoge; ga ba ketla ba kubuga le fa e le go tsosiwa mo go robaleng ga bone go bo go tsamaye magodimo a sa tlhole a leyo.
13O a bo o ka ka wa mphitlha mo Bobipong, wa ka wa mpoloka ka bosaitsiweng, go tsamaya bogale jwa gago bo feta, wa ka wa ntaolela motlha o o tlhomameng, mme wa nkgakologelwa.
14Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela? Ke ne ke tlaa lebelela ka malatsi otlhe a ntwa eo ya me, kgololo ya me e be e tsamaye e tle.
15O ne o ka bitsa, ke ne ke tlaa go araba; o ne o tlaa eletsa tiro ya diatla tsa gago.
16Mme jaanong, ke fa, o bala dikgato tsa me; a ga o lebale boleo jwa me?
17Tlolo ya me e kanetswe mo kgetseng, mme o hunela boikepo jwa me.
18Ruri thaba e e wang e tle e nyelele, le lefika le sutisiwe mo bonnong jwa lone;
19metsi a tle a gotlhe maje; merwalela ya one e gopele ruri lorole lwa lefatshe; le wena o tle o senye tsholofelo ya motho.
20O mo fenya ka bosakhutleng, mme a fete; o fetole sefatlhogo sa gagwe, mme o mo neye tsela.
21Bomorwawe ba newe tlotlo, mme ene a se ke a itse; ba kokobediwe, mme a se ke a go lemoge mo go bone.
22Nama ya gagwe mo go ene e nne botlhoko, mowa wa gagwe mo teng ga gagwe o hutsafale.β