Tswana 1992 Bible - 35 verses
1Foo ga fetola Elifase wa Motemana, a re:
2โA monna yo o botlhale o tshwanetse go fetola ka kitso ya boithamako, a kgorisa mpa ya gagwe ka phefo ya botlhabatsatsi?
3A go tshwanetse fa a ka tsaya kgang ka puo e e se nang thuso, kgotsa ka dipolelo tse o sa kakeng a dira molemo ope ka tsone?
4Ee, o tsupuetsa poifo, mme o ngotla tshisimogo fa pele ga Modimo.
5Gonne boikepo jwa gago bo ruta molomo wa gago, mme o itshenkela loleme lwa maferefere.
6Molomo wa gago tota o a go sekisa, e seng nna; ee, dipounama tsa gago di supa ka ga gago di go nyatsa.
7โA ke wena monna wa ntlha yo o tsetsweng? Kgotsa a o tsetswe pele ga dithabana?
8A o utlwile kgakololo e e sa itsiweng ya Modimo? A o ikganelela botlhale?
9O itse eng se rona re sa se itseng? O tlhaloganya eng se se seng mo go rona?
10Ba ba ditlhogo ditshweu le banna ba ba tsofetseng thata re na nabo, ba ba tsofetseng thata bogolo go rraago.
11A dikgomotso tsa Modimo di dipotlana bobe mo go wena, le lefoko le le buang nao ka bonolo?
12Ana pelo ya gago e go isetsang kwa kgakala, le matlho a gago a gwetlhelang?
13Fa e bo ne ne o sokolola mowa wa gago go tlhabana le Modimo, o lesa mafoko a a ntseng jalo a tswa mo molomong wa gago?
14Ana motho e be e le eng, fa e bo ne ne go twe, o ka nna montle, le yo o tsetsweng ke mosadi, fa e bo ne ne go twe, o ka nna tshiamo?
15Bona, ga o ikanye baitshepi ba one; ee, le magodimo ga a mantle mo ponong ya one.
16Bogolo jang go sa kake ga nna jalo motho yo o makgapha, yo o bodileng, e le monna yo o nwang boikepo jaaka metsi!
17โNkutlwa, ke tlaa go kaela; se ke se bonyeng ke tlaa se bolela:
18(Se banna ba ba botlhale ba se boletseng se tswa mo go borraabo, mme ba se ka ba se loba;
19ba lefatshe le neilweng bone ba le bosi, mme go se ka ga fetela moeng ope mo go bone:)
20Moikepi o inganga mo botlhokong ka metlha yotlhe ya gagwe, mme dinyaga tse di badilweng di beetswe mopatiki.
21Modumo wa ditheregiso o mo ditsebeng tsa gagwe; le a le mo tlhogonolong mothopi o tlaa mo wela.
22Ga a dumele fa a tlaa boa a tswa mo lefifing, a lebeletswe ke tลกhaka.
23O kgarakgatshegela dijo, a re: โDi kae?โ O a itse fa letsatsi la lefifi le etleetsegile, le le fa go ene:
24Pitlagano le tlalelo e e mahehe di a mmoifisa; di a mo fenya jaaka kgosi e e iketleeditseng go tlhabana;
25gonne o otlololetse Modimo letsogo go tlhabana nao, o inatlafaletsa Mothatayotlhe.
26O a o sotlhomelela ka thamo e e thata le ka dikgogoropo tsa dithebe tsa gagwe;
27gonne o ikhurumeditse sefatlhogo ka monono wa gagwe; mme a dire makukunopo a mahura mo dithekeng tsa gagwe.
28O ntse a agile mo metseng e e swafetseng, mo matlong a a sa nnweng ke ope, a a ne a iketleeditse go nna mekoa ya go wa fela.
29Ga a ketla a huma, le dithoto tsa gagwe ga di ketla di tlhomama, le gone go ungwa ga tsone ga go ketla go inamela fa fatshe.
30Ga a ketla a tswa mo lefifing; kgabo ya molelo e tlaa omeletsa dikala tsa gagwe, mme o tlaa tsamaela koo ka pudulo ya molomo wa one.
31A a se ikanye boithamako a itsietsa, gonne boithamako e tlaa nna maduo a gagwe.
32Go tlaa mo dirafalela pele ga motlha wa gagwe, kala ya gagwe ga e ketla e nna nana.
33O tlaa udubatsega dikungwa tsa gagwe tse di sa butswang jaaka mofine, o tlaa tlhotlhorega sethunya sa gagwe jaaka motlhware.
34Gonne lesomo la ba ba sa reng Modimo sepe le tlaa nna boopa, molelo o tlaa laila megope ya ba ba neo e e faposang tshiamo.
35Ba ithwala bosenyi, ba tsala boikepo, mpa ya bone e baakanya tsietso.โ