Tswana 1992 Bible - 14 verses
1Foo Jobe a fetola a re:
2βAna o thusitse jang ene yo o se nang thata! Ana o bolokile jang letsogo le le se nang nonofo!
3Ana o gakolotse jang ene yo o se nang botlhale, wa ba wa bolela ka botlalo kitso ya mmaanete!
4O kakanyeditse mang mafoko? Mme go dule mowa wa ga mang mo go wena?β
5βBa ba suleng ba roroma fa tlase ga metsi le tse di agileng mo go one.
6Bobipo ga bo a ikatega fa pele ga one, le Molete wa Tshenyegelo ga o na sebipo.
7O phuthololela botsheka kwa sebakeng se se lolea fela, o lepeletse lefatshe kwa go seng sepe.
8O bofelele metsi mo marung a one a a kwenneng; mme leru ga le phanyege tlase ga one.
9O sireletse ponalo ya setulo sa one sa bogosi, o ale leru la one mo go sone.
10O radile molelwane mo godimo ga metsi, go ya dikhutlong tsa lesedi le lefifi kwa di kopanelang teng.
11Maotwana a legodimo a reketle, a gakgamale ka kgalemelo ya one.
12O hudue lewatle ka thata ya one, mme o phololetse Moikgogomosi ka tlhaloganyo ya one.
13Magodimo a kgabisiwa ka mowa wa one; seatla sa one se tlhabile noga e e fefogang.
14Bonang, mo ke kwa dintlhaneng fela ga ditsela tsa one; mme re utlwa ka phofonyetso e nnye jang ka ga one! Go duma ga nonofo ya one e mang yo o ka go tlhaloganyang?β