Tswana 1992 Bible - 23 verses
1Jobe a ba a tloga gape a tlhaba seane sa gagwe, a re:
2โJaaka Modimo o tshedile, o o ntloseditseng tshiamelo ya me; le Mothatayotlhe yo o tshwentseng mowa wa me:
3(Gonne botshelo jwa me bo sa ntse bo itekanetse mo go nna le mowa wa Modimo o mo dinkong tsa me);
4ruri dipounama tsa me ga di kake tsa bua tshiamololo, le loleme lwa me ga lo ketla lo bua tsietso.
5A go nne kgakala le nna fa nka lo siamisa; ga nketla ke itlosa thokgamo ya me, go ba ke tla ke swa.
6Tshiamo ya me ke e tshwaretse ruri, ga nketla ke e lesa; ke tlaa re ke sa ntse ke tshedile, pelo ya me ga e ketla e nkgoba.
7A mmaba wa me a nne jaaka baikepi, le gone a yo o ntsogologelang a nne jaaka basiamolodi.
8Gonne tsholofelo ya yo o sa reng Modimo sepe ke eng, le fa a bona papadi mogang Modimo o tlosang mowa wa gagwe?
9A Modimo o tlaa utlwa go goa ga gagwe monna yo, fa pitlagano e tla mo go ene?
10A o tlaa inatetshetsa Mothatayotlhe, a biletsa kwa Modimong ka metlha yotlhe?
11Ke tlaa lo ruta ka ga letsogo la Modimo; se se kwa go ene Mothatayotlhe ga nketla ke se loba.
12Bonang, lona lotlhe ka losi lo se bonye; ke ka ntlha yang lo ithamaketse ruri?โ
13โE ke yone kabelo ya moikepi mo Modimong, le boswa jwa bapatiki jo ba bo amogelang mo go Mothatayotlhe.
14Fa bana ba gagwe ba ntsifala, e be e le ba ntsifalela tลกhaka fela; lotsalo lwa gagwe ga lo ketla lo kgora dijo.
15Ba gagwe ba ba setseng ba tlaa fitlhwa mo losong, batlholagadi ba gagwe ga ba ketla ba dira khutsafalo.
16Le fa a ka koa selefera jaaka lorole, a ba a baakanya diaparo jaaka seretse;
17o ka di baakanya fela, mme basiami ba tlaa di apara, le ba ba se nang molato ba tlaa kgaogana selefera.
18O aga ntlo ya gagwe jaaka serurubele, le jaaka loobo lo moleti o lo agang.
19O itelega a humile, mme e be e le lwa bofelo; a budulole matlho, mme a ba a seyo.
20Ditherego di mo tshware jaaka metsi; ledimo la phefo le mo utswe bosigo.
21Phefo ya botlhabatsatsi e mo kgopholele koo, mme a tloge; e mo feele, a tloge mo felong ga gagwe.
22Gonne Modimo o tlaa mo hureetsa, mme o se ke o rekegele; o ka rata a ka bo a tshaba a tswa mo seatleng sa one.
23Batho ba tlaa mo opela diatla, ba mo otsa, ba mo ntsha felong ga gagwe.