Tswana 1992 Bible - 24 verses
1βSe le sone pelo ya me e a se roromela, e garoge mo felong ga yone.
2Reetsang loratla lwa lentswe la one, le tumo e e tswang mo molomong wa one.
3O e dumisetse fa tlase ga legodimo lotlhe fela, le logadima lwa one o lo gadimisetse kwa dikhutlong tsa lefatshe.
4Morago ga lone go dume kodu; o dume ka kodu ya borena jwa one; mme ga o thibe dikgadima mogang kodu ya one e utlwalang.
5Modimo o duma kgakgamatso ka kodu ya one, o dira dilo tse dikgolo tse re sa kakeng ra di tlhaloganya.
6Gonne o tle o reye kapoko o re: βNa mo lefatsheng;β le pula ya medupe, le marothodi a ya maebana a magolo.
7O konela seatla sa motho mongwe le mongwe; gore batho botlhe ba o ba dirileng ba go itse.
8Foo diphologolo le dibatana di ye mo maiphitlhong, di nne mo dikutleng tsa tsone.
9Ledimo le tle le tswe mo kutleng ya borwa; le serame ntlheng ya botsheka.
10Dikgapetla tsa metsi di abiwa ka pudulo ya Modimo; mme boatlhamo jwa metsi bo gatsediwe.
11Ee, o belesa leru le le kwenneng metsi; o phutholole leru la one la logadima;
12le dikolosiwe ka kgoro ya one gore di tle di dire sengwe le sengwe se o se di laoletseng mo lefatsheng lotlhe le le nnwang.
13Le fa o di tlisitse gore di nne kwatlhao, kgotsa go thusa lefatshe la one, kgotsa ka kutlwelobotlhoko.
14βJobe, a ko o reetse se; ema fela, o akanye ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.
15A o itse ka fa Modimo o tleng o di laye ka gone, mme o phatsimise logadima lwa leru la one ka gone?
16A o itse go retelediwa ga maru le ditiro tse di gakgamatsang tsa o o leng boitekanelo mo kitsong?
17Le ka fa diaparo tsa gago di leng bothitho ka gone fa lefatshe le tuuletse fela ka ntlha ya phefo ya borwa?
18A o ka tsharolola nao loapi lo lo thata jaaka seiponi se se thetsweng?
19O re rute se re tlaa se buang nao, gonne ga re kake ra rulaganya puo ya rona ka ntlha ya lefifi.
20A o ka bolelelwa fa ke rata go bua, kgotsa a motho o ka eletsa a ka bo a komediwa?
21Jaana batho ga ba kake ba leba lesedi fa le phatsima mo loaping; fa phefo e fetile e lo ntlafaditse.
22Mo ntlheng ya botsheka go tswa kgalalelo e eketeng ya botsodutsokwane, Modimo o na le borena jo bo boitshegang mo go one.
23Ka ga Mothatayotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa, o tlotlometse mo thateng, mo katlholong le mo tshiamisong e e tletseng, ga a ketla a patika.
24Mme batho ba mmoifa ka ntlha ya gone moo; ga a tlhokomele bape ba ba pelo e e tlhalefileng.β