Tswana 1992 Bible - 41 verses
1Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe, a re:
2“E mang yo o fifatsang kgakololo ka mafoko a a se nang kitso?
3A ko o ikokwaele lotheka jaaka monna; gonne ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse.
4E rile ke thaya metheo ya lefatshe, wa bo o le fa kae? Kakanya, fa o na le tlhaloganyo.
5E mang yo o tlhomileng dilekanyo tsa lone, fa o itse? E mang yo o ne a le namalaletsa thapo?
6Metheo ya lone e nitamisitswe mo go eng? Kgotsa: Yo o beileng lentswe la kgokgotsho la lone e mang?
7Jale ka dinaledi tsa moso di opela mmogo le bomorwa Modimo botlhe ba thela lošalaba lwa boitumelo?
8“Kgotsa e mang yo o tswaletseng lewatle ka ditswalo, jale ka le thoba, jaaka ekete le tswa mo sebopelong;
9jale ka ke dira leru seaparo sa lone, le lefifi le lentsho go nna letsela la phapo mo go lone.
10Ka le beela molelwane wa me, ka ba ka tlhoma mephakalego le ditswalo.
11Ka le raya, ka re: ‘O ka fitlha fa, mme o se ka wa go feta; dintelo tsa gago tse di mabela di tlaa kganelelwa fa?’
12“A e sa le ka malatsi a gago a simologa a o kile wa laola moso, wa itsise mahube felo ga one;
13gore a ye go tshwara dikhutlo tsa lefatshe, le gore baikepi ba udubadiwe mo go lone?
14Le tle le fetoge jaaka mmopa fa tlase ga sekano; mme dilo tsotlhe di kwetoge jaaka mo seaparong.
15Mo baikeping lesedi la tsone le tle le kganelwe, letsogo le le tsholetsegileng le rojwe.
16“A o kile wa tsena kwa metsweding ya lewatle, kgotsa a o kile wa tsamaya mo dikunyaneng tsa boteng?
17A o kile wa senolelwa dikgoro tsa loso, kgotsa a o kile wa bona dikgoro tsa moriti wa loso?
18A o tlhalogantse boatlhamo jwa lefatshe? Kakanya fa o go itse gotlhe.
19“Tsela e kae e e yang kwa boagong jwa lesedi, mme ka ga lefifi felo ga lone ke kae?
20Gore o tle o le ise kwa borakanelong jwa lone, mme o lemoge ditselana tse di yang kwa ntlong ya lone.
21Le gale, o tlaa bo o itse, gonne go jale o ne o tsetswe, palo ya malatsi a gago e kgolo!
22“A o kile wa tsena mo mabolokelong a kapoko, kgotsa a o kile wa bona mabolokelo a sefako,
23tse ke di boloketseng motlha wa phuduego le letsatsi la dira le ntwa?
24Lesedi le kgaoganngwa ka tsela efe, le phefo ya botlhabatsatsi e iphalatsa mo lefatsheng ka efe tsela?
25“E mang yo o fatoletseng morwalela wa metsi tsela, kgotsa a fatola tsela ya logadima lwa maru;
26go nesa pula mo lefatsheng le go se nang motho mo go lone; mo nageng e go se nang motho mo go yone;
27go kgorisa mmu wa tshwafalo le wa kgakgabalo; le go tlhogisa loreme gone?
28“A pula e na le rra yone, kgotsa mang yo o tsetseng dithothi tsa monyo?
29Dikgapetla tsa metsi di tswa sebopelong sa ga mang le kgogotshwane ya legodimo e mang yo o e tsetseng?
30“Metsi a tle a bipiwe jaaka ekete ka letlapa, mme mo godimo ga boteng go gatsele.
31“A o ka bofa lesetlha la Selemela, kgotsa o ka funolola dithapo tsa dinaledi tse go tweng Dikolobe.
32A o ka gogela ntle masomo a naledi tsa Masarotha mo metlheng ya tsone, kgotsa a o ka tsamaisa naledi tsa Kgogabosigo le popelelo ya yone?
33A o itse melao ya magodimo? A o ka tlhoma puso ya yone mo lefatsheng?
34A o ka tsholeletsa lentswe la gago kwa marung, gore letlotlo la metsi le go khurumetse?
35A o ka roma dikgadima gore di tsamaye, mme tsa go raya tsa re: ‘Re fano’?
36E mang yo o tsentseng botlhale mo matennyeng, kgotsa e mang yo o neileng pelo tlhaloganyo?
37E mang yo o ka balang maru ka botlhale, kgotsa mang yo o ka tshololang dinkgwana tsa legodimo,
38fa lorole lo golokega le makote a ngaparelana?
39A o tlaa tsomela tau e namagadi phologolo, kgotsa wa kgorisa ditawana,
40fa di namaletse mo dikutleng tsa tsone, di ntse mo setswatsweng di laletse?
41E mang yo o baakanyetsang mohukubu dijo tsa one, ka mamphorwana a one a lelela Modimo, a kgarakgatshega fela ka go tlhoka dijo?