Tswana 1992 Bible - 30 verses
1âA o itse motlha o mafele a mafika a tsalang ka one? Kgotsa a o ka supa lobaka lwa phala go bona ngwana?
2A o ka bala dikgwedi tsa tsone tsa bonemeru, kgotsa a o itse motlha o di tsalang ka one?
3Di khubame, di tsale bana ba tsone, di latlhele mahutsana a tsone kwa ntle.
4Bana ba tsone ba anye fela, ba thugugele mo nageng e e lobala fela; ba tsamaye, mme ba sa tlhole ba boa.
5E mang yo o lesitseng esela ya naga ya tsamaya fela, kgotsa mang yo o hunolotseng dikgole tsa pitse e tilotsana,
6e ntlo ya yone ke e dirileng, e bong naga, le lefatshe la dimpu e nne felo kwa e nnang gone?
7E sotla tlhapeo wa motse, le gone ga e utlwe kgalemo ya mokgweetsi.
8Namalalo ya dithaba ke mahulo a yone, mme e batle sengwe le sengwe se setala.
9A nare e tlaa itumela go go direla? Kgotsa a e ka nna fa bojelong jwa gago?
10A o ka golega nare ka kgole ya yone mo temong, kgotsa a e tlaa kokola mekgatšha e go setse morago?
11A o tlaa e ikanya, ka gobo thata ya yone e le kgolo, kgotsa a o tlaa e tlogelela tiro ya gago?
12A o tlaa e dumela gore e tlaa rora peo ya gago, e ba e kokoanya mabele a sebopi sa gago?
13Lofuka lwa ntšhe lo a ebela; mme a diphafa tsa gagwe di na le bopelonomi, le fa e le bobowa jwa gagwe?
14Gonne o tlogela mae a gagwe fa fatshe, o a thuthafatse mo loroleng.
15A lebale fa lonao lo ka tla lwa a thuba, kgotsa fa sebatana se ka a gataka.
16O direla bana ba gagwe ka peloethata, jaaka ekete ga se ba gagwe; le fa tiro ya gagwe e le lefela, ga a na poifo;
17gonne Modimo o mo timile botlhale, le gone ga o a ka wa mo abela tlhaloganyo.
18Mogang o itsholeletsang godimo, o tle a sotle pitse le mopalami wa yone.
19A o neile pitse nonofo ya yone; a o apesitse thamo ya yone moetse o o fokafokang?
20A ke wena yo o e dirileng gore e tlolatlole jaaka tsie? Go koma ga pudulo ya yone go a boitshega.
21E tle e reme ka tlhako mo molapong, e itumele mo thateng ya yone: e tswe e ye go kgatlhantsha batho ba ba tlhometseng.
22E tshege poifo, ga e tlakasele; le gone ga e neye tšhaka sekotla.
23Mokotlopo o tlharakanye mo go yone, le lerumo le le šadiang matlho le putlela.
24E kometse mmu ka bogale le tšararego; le gone e se ke e dumele fa e le kodu ya lonaka.
25Gongwe le gongwe fa lonaka lo lela e re: âAhe,â mme e dupelele tlhabano kgakala, le modumo wa balaodi le loÅ¡alaba.
26A segodi se fofa ka botlhale jwa gago, se tsharololela diphuka tsa sone kwa borwa?
27A ntswi yo motona o fofela kwa godimo ka taolo ya gago, mme a dire setlhaga sa gagwe kwa godimo?
28O aga mo lefikeng, mme o na le boago jwa gagwe gone, mo tlhoreng ya lefika, le mo felong fa go thata.
29A le foo a kwaye phologolo; matlho a gagwe a e bonele kgakala.
30Mamphorwana a gagwe le one a nwe madi, mme kwa go nang le ba ba bolailweng, le ene o gone.â