Tswana 1992 Bible - 21 verses
1βA ga se go re motho o na le lobaka lwa tirelo mo lefatsheng? A malatsi a gagwe ga a tshwane le malatsi a yo o thapilweng ka tuelo?
2Jaaka motlhanka yo o eletsang thata go bona moriti go feta, le jaaka mothapiwa yo o lebeletseng tuelo ya gagwe;
3jalo le nna ke ruisiwa dikgwedi tsa boithamako, ke laoletswe masigo a a tlhobaedisang.
4E tle e re ke itelega, ke a tle ke re: βKe tlaa tsoga leng?β Mme bosigo bo nne boleele; ke tlale diphethekgano go tsamaye bosigo bo se.
5Nama ya me e apesitswe diboko le lorole lo lo makote; letlalo la me le tle le kopane mme le itse go phanyega seΕ‘a.
6Malatsi a me a bofefo bogolo go selogi sa monyedi, a feta fela a se na tsholofelo.
7βA ko o gakologelwe go re botshelo jwa me ke phefo fela, leitlho la me ga le ketla le tlhola le bona molemo.
8Leitlho la yo o mponang ga le ketla le tlhola le nteba; matlho a gago a tlaa nna mo go nna, mme ke tlaa bo ke seyo.
9Jaka leru le tle le nyelele, mme le kaologele koo, go ntse jalo, le ene yo o fologelang mo Bobipong ga a ketla a tlhola a tlhatloga.
10Ga a ketla a tlhola a boela kwa ntlong ya gagwe, le gone felo ga gagwe ga go ketla go tlhola go mo itse.
11βKe gone ga nketla ke kganela molomo wa me; ke tlaa bua mo tlalelong e e mahehe ya mowa wa me; ke tlaa itoka mo botlhokong jwa botshelo jwa me.
12A ke lewatle, kgotsa leruarua la lewatle, fa e bo ne ne o mpeela tebelo jaana?
13Ya re fa ke re: βBolao jwa me bo tlaa nkgomotsa, sesekamelo sa me se tlaa fefofatsa boitoko jwa me;β
14foo o tle o ntshose ka ditoro, mme o ntheregise ka diponatshegelo.
15Jalo mowa wa me o bo o tle o rate go betwa, o eteletse loso, bogolo go marapo a, a me.
16Botshelo jwa me bo mpherosa sebete; ga ke rate ka tshelela ruri; ntesa, gonne malatsi a me ke boithamako fela.
17Motho e a bo e le eng, fa e bo ne ne o mo godisa, o ba o tlhoma pelo ya gago mo go ene,
18o mo tlhola ka meso yotlhe, o mo leka ka nako nngwe le nngwe?
19Ana o tlaa gana ka lobaka lo lokae go faposa matlho mo go nna, le go ntesa ke tle ke metse mathe a me.
20Fa ke leofile, ke go direlang, wena molebedi wa batho? Ana o ipeela sekonopiwa ka nna ka ntlha yang? Ke ba ke tla ke imelwa ke sebele sa me nna ka nosi.
21Ga o itshwareleleng tlolo ya me, wa tlosa boikepo jwa me? Gonne ke tloga ke itelega mo loroleng; o tlaa mpatla ka tlhoafalo, mme ke tla bo ke seyo.β