Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Foo ga fetola Biletate wa Moลกuha a re:
2โO tlaa bua dilo tse ka lobaka lo lo kae? Mafoko a molomo wa gago a tlaa nna jaaka phefo e kgolo ka lobaka lo lo kae?
3A Modimo o tle o sokamise katlholo? Kgotsa a Mothatayotlhe o tle a sokamise tshiamiso?
4Fa bana ba gago ba o leofetse, mme o ba tsentse mo seatleng sa tlolo ya bone;
5fa o ne o ka batla ka tlhoafalo mo Modimong, mme wa dira mokokotlelo wa gago mo go Mothatayotlhe,
6fa o ne o le boitsheko le thokgamo; ruri o ka bo fano a go kubugela, a dira bonno jwa tshiamo ya gago gore bo segofale.
7Le fa tshimologo ya gago e ne e le potlana, le fa go ntse jalo bokhutlo jwa gago bo ne bo tlaa totafala segolo.
8โGonne ke a go rapela, a ko o botse ka ga motlha wa pele, mme o tseye tsia se borraabo ba se tlhotlhomisitseng:
9(Gonne rona re ba maabane fela, mme ga re itse sepe, gonne malatsi a rona mo lefatsheng ke moriti fela).
10A bone ga ba ketla ba go ruta, ba go bolelela, ba bua mafoko a a tswang mo pelong tsa bone?
11โA motsitla o ka gola go se na loraga? A mophutlo o ka gola go se na metsi?
12E re o sa ntse o le mo botaleng jwa one, o sa ntse o segwa, o bo o swabe pele ga merogo e mengwe.
13Ditsela tsa botlhe ba ba lebalang Modimo di ntse jalo; tsholofelo ya motho yo o sa reng Modimo sepe e tlaa nyelela;
14yo boikgantsho jwa gagwe bo tlaa kgaogang ka bogare, le yo boikanyo jwa gagwe e leng bobi jwa segokgwane fela.
15O tlaa ikaega ntlo ya gagwe, mme ga e ketla e ema; o tlaa itshwarelela ka one, mme ga e ketla e tlhomama.
16O a tle a nne motala pele ga letsatsi le ise le tlhabe, mme matswela a gagwe a anamele mo tshimong ya gagwe.
17Medi ya gagwe e tlamparele thotobolo, a lebe felo ga maje.
18Fa a sengwa a ntshiwa mo felong ga gagwe, foo go tlaa mo itatola go re: โGa ke ise ke go bone.โ
19Bona jo ke boitumelo jwa tsela ya gagwe, ba bangwe ba tlaa tlhongwa mo mmung wa gagwe.
20โBona, Modimo ga o ketla o latlha motho yo o itekanetseng, le gone ga o ketla o ema badira bosula nokeng.
21O tlaa nama o tlatsa molomo wa gago ka setshego, le dipounama tsa gago ka moduduetso.
22Ba ba go ilang ba tlaa apesiwa ditlhong; le mogope wa moikepi ga o ketla o tlhola o leyo.โ