Tswana 1992 Bible - 18 verses
1O emetseng kgakala, Jehofa? O iphitlhelang mo metlheng ya pitlagano?
2Mohumanegi o khukhelwa ka tlhoafalo ka boikgodiso jwa baikepi; a ba tshwarwe ka ditogamaano tse ba di logileng.
3Gonne moikepi o belafala ka ga keletso ya pelo ya gagwe, le yo o pelotshetlha o a itatola, ee, o kgala Jehofa.
4Moikepi o bua ka boikgodiso jwa sefatlhogo sa gagwe, a re: “Ga o ketla o go lefetsa.” Megopolo yotlhe ya gagwe ke go re: “Ga go na Modimo ope.”
5Ditsela tsa gagwe ke mo go tlhomameng ka metlha yotlhe; dikatlholo tsa gago di kwa godimodimo kgakala le pono ya gagwe; mme ka ga baba ba gagwe botlhe, o ba budula fela.
6O ithaya mo pelong ya gagwe a re: “Ga nketla ke tshikinyega; ga nketla ke ba ke nna mo bothateng bope mo tshikatshikeng.”
7Legano la gagwe le tletse khutsakanyo le tsietso le patiko; kwa tlase ga loleme lwa gagwe go na le bosenyi le boikepo.
8O a tle a dule mo mafelong a talelo a metsana; a bolaele ba ba se nang molato mo mafelong a boiphitlho; ba ba se nang boithuso a ba gotolele matlho.
9O a tle a lalele mo setswatswaneng jaaka tau mo selaong sa yone, a lalele mohumanegi go mo tshwara; o mo tshware ruri, ene mohumanegi, mogang o mo gogang ka lotloa lwa gagwe.
10O a tle a bobe, a iname, mme ba ba se nang boithuso ba we ka ba ba thata ba gagwe.
11O ithaya mo pelong ya gagwe a re: “Modimo o lebetse; o bipile sefatlhogo sa one; ga o ketla o go bona gope.”
12Tloga o eme, Jehofa! Modimo, tsholetsa letsogo la gago; o se ka wa lebala bahumanegi.
13Ana moikepi o nyaletsang Modimo; a ithaya mo pelong a re: “Ga o ketla o go lefetsa”?
14O go bonye; gonne o lebile bosenyi le bopeloyatlhoi go bo tsaya mo seatleng sa gago; yo o se nang boithuso o itesa mo go wena; o ne o ntse o le mothusi wa masiela.
15Roba letsogo la moikepi; motho yo o bosula ene, o no o tlhotlhomise boikepo jwa gagwe, o bo o tle o se ka wa tlhola o bona bope.
16Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae; baditšhaba ba nyeleletse ruri mo lefatsheng la gagwe.
17Jehofa, o utlwile keletso ya baikokobetsi; o tlaa baakanya pelo tsa bone, o tlaa tlhwaa tsebe ya gago go utlwa;
18go tla o atlhola masiela le bapatikwi, gore motho yo e leng wa lefatshe fela a se ka a tlhola a boitshega gope.