Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Ke tlaa leboga Jehofa ka pelo yotlhe ya me; ke tlaa bolela ditiro tsotlhe tsa gago tse di gakgamatsang.
2Ke tlaa ipela ke kgana ka boitumelo mo go wena; ke tlaa opelela leina la gago pako, wena Mogodimodimo;
3e a re baba ba me ba boela kwa morago, ba kgopiwe, ba nyelele ka sebonalo sa gago.
4Gonne o emetse tshiamo ya me le go seka ga me; o ne o dutse mo setulong sa bogosi o atlhola ka tshiamo.
5O kgalemetse merafe, o sentse baikepi, o timeditse leina la bone ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
6Baba ba feletse ruri, ba swafetse ka bosakhutleng; le metse e o e pitikolotseng, le e leng go gopolwa ga yone go nyeletse fela nayo.
7Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng; setulo sa gagwe sa bogosi o se baakanyeditse katlholo.
8O tlaa atlhola lefatshe ka tshiamo; o tlaa direla ditšhaba katlholo ka thokgamo.
9Gape, Jehofa o tlaa nna kago e e godileng ya botshabelo jwa bone ba ba patikwang, kago e e godileng ya botshabelo mo metlheng ya dipitlagano;
10ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang.
11Opelelang Jehofa yo o agileng mo Sione dipako; bolelang mo ditšhabeng ditiro tsa gagwe.
12Gonne yo o lefetsang tshololo ya madi o a ba gakologelwa; ga a lebale go goa ga bahumanegi.
13Nkutlwela botlhoko, Jehofa; leba go patikwa ga me ke ba ba nkilang, wena yo o ntlhatlosang mo dikgorong tsa loso;
14gore ke tle ke bonatse pako yotlhe ya gago; ke tlaa re mo dikgotleng tsa morwadia Sione ke itumele mo polokeng ya gago.
15Merafe e ribegetse ka lemena le e le dirileng; lonao lwa bone ka bosi lo tshwerwe ke lotloa lo ba lo thaileng mo phitlhong.
16Jehofa o ipoletse, o dirile tshekiso; moikepi o tshwarisitswe ke tiro ya diatla tsa gagwe ka esi. HIGAIONE. Sela.
17Baikepi ba tlaa boela Bobipong, e bong merafe yotlhe e e lebalang Modimo.
18Gonne batlhoki ga ba ketla ba lebalwa ka metlha yotlhe, le fa e le tebelelo ya bahumanegi ga e ketla e nyelela ka bosakhutleng.
19Tloga o eme, Jehofa, a motho a se fenye; a merafe e atlholwe mo ponong ya gago.
20Jehofa, ba boifise; a merafe e ikitse fa e le batho fela. Sela.