Tswana 1992 Bible - 5 verses
1Tshelelang Jehofa loลกoa la boitumelo, lona mafatshe otlhe.
2Direlang Jehofa ka boipelo; tlang fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka go opela.
3Itseng fa Jehofa e le ene Modimo, ke ene yo o re dirileng, mme re ba gagwe; re batho ba gagwe, le dinku tsa bohulo jwa gagwe.
4Tsenang mo dikgorong tsa gagwe ka go ntsha tebogo, le mo malwapeng a gagwe ka pako; mo ntshetseng malebogo, mme lo bake leina la gagwe.
5Gonne Jehofa o molemo; boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng; le boikanngo jwa gagwe mo ditshikatshikeng tsotlhe.