Tswana 1992 Bible - 9 verses
1Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege.
2Jehofa o mogolo mo Sione; mme o kwa godimo, godimo ga ditšhaba tsotlhe.
3A ba bake leina la gago le legolo, le le boitshegang; go boitshepo ene.
4Nonofo ya kgosi le yone e rata katlholo; o tle o tlhomamise tekatekanyo, o dirafatse katlholo le tshiamo mo go Jakobe.
5Lona, goletsang Jehofa, Modimo wa rona, lo obame fa sebeong sa dinao tsa gagwe; go boitshepo ene.
6Moše le Arone mo baperesiting ba gagwe, le Samuele mo go ba ba bitsang leina la gagwe; bone ba ba neng ba bitsa Jehofa, mme a ba araba.
7A bua nabo a le mo mosepuring wa leru; ba ne ba boloka ditshupo tsa gagwe, le molao o o emeng, o o o ba neileng.
8O ne wa ba araba Jehofa, Modimo wa rona: O ne o le Modimo o o ba itshwarelang, le fa o tsaya tefetso mo madirong a bone.
9Goletsang Jehofa, Modimo wa rona, mme lo obame kwa thabaneng ya gagwe e e boitshepo; gonne Jehofa Modimo wa rona o boitshepo.