Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Ke tlaa opela ka ga boutlwelobotlhoko le katlholo; Jehofa ke wena ke tlaa go opelelang dipako.
2Ke tlaa ipaya ka boitlhokomelo mo tseleng e e lekanetseng; ana o tlaa tla leng mo go nna? Ke tlaa tsamaya mo teng ga ntlo ya me ka pelo e e itekanetseng.
3Ga nketla ke baya sepe se se maswe fa pele ga matlho a me; ke ila tiro ya ba ba fapogang; ga e ketla e nngaparela.
4Pelo e e lesoko e tlaa ntlogela; ga nketla ke itse sepe se se bosula.
5Motho yo o pateletsang wa ga gabo kwa ditshebong, ene ke tlaa mo senya; yo o matlho a a pagameng a na le pelo ya boikgodiso, ga nketla ke mo leseletsa.
6Matlho a me a tlaa nna mo go ba ba ikanyegang ba lefatshe, gore ba tle ba age le nna; yo o tsamayang mo tseleng e e lekanetseng, ene o tlaa ntirela.
7Yo o dirang tsietso ga a ketla a aga mo teng ga ntlo ya me; yo o buang bolotsana ga a ketla a tlhomama fa pele ga matlho a me.
8Ka moso le moso ke tlaa nna ke senya baikepi botlhe ba lefatshe, go kgaola badiri botlhe ba boikepo mo motseng wa ga Jehofa.