Tswana 1992 Bible - 28 verses
1A ko o utlwe morapelo wa me, Jehofa, mme a go goa ga me go ke go fitlhe koo go wena.
2O se ka wa mphitlhela sefatlhogo sa gago mo letsatsing la pitlagano ya me; O ntshekegele tsebe; e re mo letsatsing le ke bitsang ka lone o nkarabe ka bonako.
3Gonne malatsi a me a nyelela jaaka mosi; marapo a me le one a a ša jaaka serumola.
4Pelo ya me e tapetegile jaaka bojang, e swabile; gonne ke lebala go ja sejo sa me.
5Ka ntlha ya lentswe la go duma ga me, marapo a me a ngaparetse nama ya me.
6Ke ntse jaaka khukara ya naga; ke fetogile jaaka morubisi wa marotobolo fela.
7Ke ntse ke lebeletse, mme ke fetogile jaaka thaga e e ntseng e le nosi mo setlhoeng sa ntlo.
8Baba ba me ba tlhola ba nkgoba ka letsatsi lotlhe; ba ba itirang ditsenwa ka ga me ba hutsakanya ka nna.
9Gonne ke jele melora jaaka sejo, ka tlhakanya se ke se nwang le dikeledi.
10Ke ka ntlha ya kgakatsego ya gago, le kgalefo ya gago; gonne o ntsholeditse wa ntatlhela koo.
11Malatsi a me a tshwana le moriti o o yang go fela; mme ke swabile jaaka bojang.
12Mme wena, Jehofa, o tlaa nnela ruri ka bosakhutleng; le segopodiso sa gago go ya ditshikatshikeng tsotlhe fela.
13O tlaa nanoga o utlwela Sione botlhoko; gonne ke lobaka lwa go mo tlhomogela pelo; ee, lobaka lo lo laotsweng lo fitlhile.
14Gonne batlhanka ba gago ba na le kgatlhego mo majeng a gone, ba tlhomogela lorole lwa gone pelo.
15Jalo merafe e tlaa boifa leina la ga Jehofa, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe, di tlaa boifa kgalalelo ya gago;
16gonne Jehofa o tsosolositse Sione go o aga; o bonetse mo kgalalelong ya gagwe.
17O tlhokometse morapelo wa ba ba hotlhegileng ba se na sepe, ga a ka a nyatsa morapelo wa bone.
18Moo, go tlaa kwalelwa losika lo lo tlang; mme tšhaba e e tlaa tlholwang e tlaa baka Jehofa.
19Gonne o okometse a le kwa bogodimong jwa felo ga gagwe ga boitshepo; Jehofa o ne a lebile lefatshe a le kwa legodimong;
20go utlwa go fegelwa ga mogolegwi; go hunolola ba ba laoletsweng loso;
21gore batho ba tle ba bolele leina la ga Jehofa mo Sione, le pako ya gagwe mo Jerusalema;
22mogang ditšhaba di phuthegileng di le mmogo, le magosi, go direla Jehofa.
23O ne a koafatsa thata ya me mo tseleng; a khutsafatsa malatsi a me.
24Ke ne ka re: “Modimo wa me we! O se ka wa ntlosa ke le fa gare ga malatsi a me; aitse dinyaga tsa gago tsone, di ya le ditshikatshika tsotlhe fela.
25O sa le o thaya motheo wa lefatshe bogologolo; le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago.
26Tsone di tlaa nyelela, mme wena o tlaa nna fela; ee, tseo tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; o tlaa di fetola jaaka morepo; mme di tlaa fetoga;
27mme wena, o ntse o ntse jaaka o ntse fela; dinyaga tsa gago ga di ketla di dira le bokhutlo.
28Bana ba batlhanka ba gago ba tlaa nna fela, le losika lwa bone lo tlaa tlhomamisiwa fa pele ga gago.”