Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo.
2Baka Jehofa, mowa wa me, mme o se ka wa lebala dithuso tsa gagwe tsotlhe;
3yo o itshwarelang maikepo otlhe a gago; a fodise malwetse a gago otlhe fela;
4yo o rekololang botshelo jwa gago mo tshenyegong; a go rwese tlhogo ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko a manana;
5yo o kgorisang legano la gago ka dilo tse di molemo; bokau jwa gago boo bo tle bo ลกafadiwe bo nne jaaka jwa ntswi yo motona.
6Jehofa o dirafatsa ditiro tsa tshiamo, le dikatlholo o di dirafaletsa botlhe ba ba patikwang.
7O ne a itsise Moลกe metsamao ya gagwe, le madiro a gagwe a a itsise bana ba Iseraele.
8Jehofa o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.
9Ga a ketla a omana ka metlha yotlhe; le fa e le go nna ka bogale ka bosenabokhutlo.
10Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona.
11Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo.
12Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.
13Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo.
14Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.
15Ka ga motho ene, malatsi a gagwe a ntse jaaka bojang fela; jaaka sethunya sa naga, le ene o kgaba fela jalo.
16Gonne phefo ya se foka, mme se ile; le bonno jwa sone ga bo ketla bo tlhola bo se itse.
17Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana;
18mo go ba ba bolokang kgolagano ya gagwe, le mo go ba ba gakologelwang ditaelo tsa gagwe go di dira.
19Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.
20Bakang Jehofa lona baengele ba gagwe; lona dinatla mo nonofong, ba lo dirafatsang lefoko la gagwe, lo ntse lo reeditse lentswe la lefoko la gagwe.
21Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe.
22Bakang Jehofa lona ditiro tsotlhe tsa gagwe, mo mafelong otlhe a puso ya gagwe. Baka Jehofa mowa wa me.