Tswana 1992 Bible - 35 verses
1Baka Jehofa, mowa wa me. Jehofa, Modimo wa me, o mogolo thata! O apere tlotlo le borena.
2Yo o ikapesang ka lesedi jaaka ka seaparo; yo o ngamolang magodimo jaaka sesiro;
3yo o tlhomang maotwana a mantlwana a gagwe mo metsing; yo o dirang maru go nna kara ya gagwe; yo o tsamayang ka dinao mo diphukeng tsa phefo;
4yo o dirang diphefo go nna barongwa ba gagwe; badiredi ba gagwe ke melelo e e tutumang;
5yo o beileng metheo ya lefatshe, gore le tle le se ka la tshikinngwa ka bosakhutleng.
6Wa le khurumetsa ka bodiba jo bo boteng, jaaka e ka bo e le ka morepo; metsi a ne a ema a feta dithaba.
7A na a tshaba ka kgalemo ya gago; a tloga a ya koo ka potlako ka kodu ya tumo ya gago ya maru;
8a na a tlhatloga ka fa dithabeng, a fologa ka fa megorogorong, a ya go fitlha kwa mafelong a o a a thaetseng.
9O beile mmotwana gore a se ka a o tlola; gore a se ka a ba a boa a khurumetsa lefatshe.
10O eledisetsa metswedi kwa megorogorong; e elele mo gare ga dithaba.
11E nose diphologolo tsotlhe tsa naga; diesela tsa naga di itimole lenyora mo go yone.
12Dinonyane tsa legodimo di nne le boago fa go yone; di letse melodi mo dikaleng tsa ditlhare.
13O nose dithaba ka metsi a a tswang matlwaneng a gagwe; lefatshe le kgore loungo lwa ditiro tsa gago.
14O tlhogisetsa dikgomo bojang, le yone merogo go nna thuso ya batho; gore a tle a ntshe dijo mo mmung;
15le bojalwa jwa mofine jo bo ipedisang pelo ya motho, le lookwane, gore lo phatsimise sefatlhogo sa gagwe, le senkgwe se se thatafatsang pelo ya motho.
16Ditlhare tsa ga Jehofa di a kgora; masetara a Lebanone a o a tlhomileng;
17kwa dinonyane di agang ditlhaga tsa tsone gone; ka ga mogolodi, ditlhare tsa mafira ke ntlo ya one.
18Dithaba tse di godileng ke tsa mehele; meole ya mafika ke botshabelo jwa dipela;
19o laoletse kgwedi metlha; letsatsi le ikitse go phirima ga lone.
20O dira lefifi, mme go nne bosigo; jo ditshedi tsotlhe tsa sekgwa di gagabelang kwa ntle ka lone.
21Ditawana di dume, di dumele se di ka se bolayang, mme di senke nama ya tsone mo Modimong.
22Letsatsi le a tlhaba, mme di gonyele, di ye go robala mo dikutleng tsa tsone.
23Motho a tswele kwa tirong ya gagwe le kwa mofufutsong wa gagwe go ya maitseboeng.
24Jehofa, ana ditiro tsa gago di methalethale jang! O di dirile ka botlhale tsotlhe fela; lefatshe le tletse dikhumo tsa gago.
25Fale go lewatle, le legolo, le atlhame, le dilo tse di gagabang tse di se nang palo di mo go lone, ditshedi tse dipotlana le tse dikgolo.
26Dikepe di tsamaya gone; leruarua le gone, le o le bopetseng go tshamekela mo go lone.
27Tsotlhe tse, di lebeletse mo go wena, gore o tle o di fe dijo tsa tsone mo motlheng o o lebanyeng.
28Se o se di nayang di se phuthe; o huporolole seatla sa gago, mme di kgore mo go molemo.
29O sube sefatlhogo sa gago, mme di huduege; o tlose mowa wa tsone, di swe, di boele loroleng lwa tsone.
30O rome, o ntshe mowa wa gago, mme di tlholege; o Ε‘afatse sefatlhogo sa lefatshe.
31A kgalalelo ya ga Jehofa e eme ka bosakhutleng; a Jehofa a itumele mo ditirong tsa gagwe;
32yo o lebang lefatshe, mme le rorome; a ame dithaba, mme di kue mosi.
33Ke tlaa re ke sa ntse ke tshedile ke nne ke opelele Jehofa; ke tlaa re ke sa ntse ke leyo ke nne ke bake Modimo wa me.
34A go akanya ga me go nne monate mo go one; ke tlaa itumela mo go Jehofa.
35A baleofi ba nyelediwe, ba tloge mo lefatsheng, mme a baikepi ba se tlhole ba leyo gope. Baka Jehofa mowa wa me. Lona, bakang Jehofa.