Tswana 1992 Bible - 45 verses
1A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe; madiro a gagwe lo a itsefatse mo ditšhabeng.
2Mo opeleleng, mo opeleleng dipako; buang ka ga ditiro tsa gagwe tsotlhe tse di gakgamatsang.
3Kgantshang ka leina la gagwe le le boitshepo; a dipelo tsa ba ba batlang Jehofa di itumele.
4Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng.
5Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse o di dirileng; dikgakgamatso tsa gagwe, le dikatlholo tsa molomo wa gagwe;
6lona losika lwa ga Aberahame, motlhanka wa gagwe; lona bana ba ga Jakobe, baitshenkedwi ba gagwe.
7Ke ene Jehofa Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe fela.
8O ntse a gakologetswe kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng, e bong lefoko le o le laoletseng dikokomana di le makgolo a some;
9e bong kgolagano e o neng a e dira le Aberahame, le ikano ya gagwe le Isake;
10mme ikano e, a e tlhomamisetsa Jakobe gore e nne molao o o emeng, le mo go Iseraele gore e nne kgolagano e e sa khutleng.
11Ka a re: âKe tlaa go naya lefatshe la Kanana, go nna kabelo ya boswa jwa lona.â
12E le jale ba sa ntse ba se kaye mo palong; ee, ba se kayenyana, ba bile ba le bajaki fela mo go lone;
13ba kgarakgatshega ka go nna ba tlhomaganya merafe fela, ba tswe mo bogosing bongwe ba ye mo tšhabeng e nngwe.
14Ga a ka a leseletsa motho ope go ba direla tshiamololo; ee, o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone;
15a re: âSe ameng batlodiwa ba me, lo se ka lwa utlwisa baperofeti ba me botlhoko bope.â
16A biletsa leuba mo lefatsheng; a roba seikokotlelo sotlhe sa senkgwe.
17A roma monna yo o neng a ba etelela pele; Josefe a rekisiwa, a nna motlhanka;
18dinao tsa gagwe ba di utlwisa botlhoko ka tse di golegang; a tsenngwa mo diketaneng tsa tshipi;
19ga ba ga tla ga fitlha motlha wa go dirafala ga lefoko la gagwe; lefoko la ga Jehofa la mo leka.
20Kgosi ya roma, ya mo hunolola dikgole; e bong molaodi wa ditšhaba, mme a mo lesa a tswa fela.
21A mo dira morena wa ntlo ya gagwe, le molaodi wa dithoto tsotlhe tsa gagwe;
22gore a golege dikgosana tsa gagwe ka fa o ratang ka gone, le gore a rute bagolwane ba gagwe botlhale.
23Iseraele le ene a tla mo Egepeto; Jakobe a jaka mo lefatsheng la ga Hame.
24Mme Jehofa a atisa ba gagwe thata, a ba baya go nna thata bogolo go feta baganetsi ba bone.
25A sokolola pelo ya bone gore ba ile batho ba gagwe, go direla batlhanka ba gagwe ka boferefere.
26A roma Moše, motlhanka wa gagwe, le ene Arone yo o mo itshenketseng.
27Ba tlhoma ditshupo tsa gagwe fa gare ga bone, le dikgakgamatso tsa gagwe mo lefatsheng la ga Hame.
28A tlhoma lefifi, mme a le fifatsa; mme ga ba a ka ba tsuololela mafoko a gagwe.
29A fetola metsi a bone a nna madi, a bolaya ditlhapi tsa bone.
30Lefatshe la bone la nna le lesaisai la digwagwa, le mo matlwaneng a dikgosi.
31A bua, mme ga tla metshitshi ya dintshi le dinta mo melelwaneng yotlhe ya bone.
32A ba naya sefako mo boemong jwa pula, le molelo o o tutumang mo lefatsheng la bone.
33A kgemetha mafine a bone le one, le ditlhare tsa mafeige tsa bone; a robakanya ditlhare tsa melelwane ya bone.
34A bua, mme tsie ya tla le seboko, mme ya bo e le mo go se nang palo,
35mme tsa ja tsa swetsa merogo yotlhe mo lefatsheng la bone, tsa ba tsa ja tsa bilatsa loungo lwa mmu wa bone.
36Le gone a gaila batsalwapele botlhe mo lefatsheng la bone, tshimologo ya thata yotlhe ya bone.
37Mme a ba ntsha ba tswa ba na le selefera le gouta; mme go ne go se na motho ope yo o sekoa mo ditšhabeng tsa gagwe.
38E rile ba bothologa, Egepeto a itumela; gonne poifo ya bone e ne e ba wetse.
39A tsharolola leru go nna sesiro; le molelo go sedifatsa bosigo.
40Ba lopa, mme a lere makwetekwio, a ba kgorisa ka senkgwe sa legodimo.
41A arola lefika, metsi a tšhabanyetsega; a elela mo mafelong a a lokgere jaaka noka.
42Gonne a gakologelwa lefoko la gagwe le le boitshepo le ene Aberahame motlhanka wa gagwe.
43A ntsha batho ba gagwe, ba tswa ka boitumelo, le baitshenkedwi ba gagwe ka go opela;
44a ba naya mafatshe a merafe; ba tsaya mohuhutso wa ditšhaba; ba o rua;
45gore ba tle ba boloke ditao tsa gagwe, ba tlhokomele melao ya gagwe. Bakang Jehofa.