Tswana 1992 Bible - 48 verses
1Bakang Jehofa. A lo ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; ka gobo boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
2E mang yo o ka bolelang ditiro tsa ga Jehofa tsa bonatla, le fa e le go bonatsa pako ya gagwe yotlhe?
3Go sego ba ba tshegetsang katlholo, le ene yo o dirang tshiamo ka metlha yotlhe.
4O tle o nkgakologelwe, Jehofa, ka lesego le o le ngoketseng batho ba gago; a ko o ntekole ka poloka ya gago;
5gore ke tle ke bone go kokotlegela ga baitshenkedwi ba gago, gore ke tle ke ipele mo go itumeleng ga morafe wa gago, gore ke kgane ka boitumelo le boswa jwa gago.
6Re leofile le borraetsho, re ikepile, re dirile maswe.
7Borraetsho ga ba a ka ba tlhaloganya dikgakgamatso tsa gago kwa Egepeto; ga ba a ka ba gakologelwa bontsi jwa mautlwelobotlhoko a gago; mme ba nna dirukhutlhi fela kwa lewatleng, e bong kwa Lewatleng le Lehibidu.
8Le fa go ntse jalo a ba boloka ka ntlha ya leina la gagwe, gore a itsefatse thata ya gagwe e e bonatla.
9Le gone a kgalemela Lewatle le Lehibidu, mme la kgala; jalo a ba goga a ba ralatsa mo madibeng a a boteng jaaka mo nageng fela.
10A ba dibela mo seatleng sa yo o ba ilang, a ba rekolola mo seatleng sa mmaba.
11Metsi a khurumetsa baganetsi ba bone; ga se ka ga sala ope wa bone.
12E dira gone ba dumelang mafoko a gagwe; ba opela pako ya gagwe.
13Ba tloga ba lebala ditiro tsa gagwe ka bonako; ba se ka ba lebelela kgakololo ya gagwe;
14ba ineela thata mo dikeletsong mo nageng, ba leka Modimo mo dipoweng tsa naga.
15Wa ba naya topo ya bone; mme wa tsenya mowa wa bone malolo fela.
16Ba nna pelotshetlha le mo go ene Moše, mo bothibelelong, le mo go Arone moitshepi wa ga Jehofa.
17Lefatshe la phatloga la kometsa Dathane, la ba la bipa lesomo la ga Abirame.
18Molelo wa tshujwa mo lesomong la bone; kgabo ya fisetsa ruri baikepi.
19Ba dira namane mo Horebe, ba obamela setshwantsho se se thetsweng.
20Jalo ba fetolela kgalalelo ya bone mo setshwantshong sa kgomo e e jang bojang.
21Ba lebala Modimo Mmoloki wa bone, yo o dirileng dilo tse dikgolo kwa Egepeto;
22ditiro tse di gakgamatsang mo lefatsheng la ga Hame, le dilo tse di boitshegang fa Lewatleng le Lehibidu.
23Ke gone ka mo o rileng, o tlaa ba senya, fa Moše moitshenkedwi wa one a ne a se ka a ema fa pele ga one mo phatlheng, go faposa bogale jwa one jo bo thata, gore e se re kgotsa wa ba senya.
24Ee, ba ne ba nyatsa lefatshe le le natefang; ba se ka ba dumela lefoko la gagwe;
25ba ngongorega ba le mo megopeng ya bone, mme ba se ka ba reetsa lentswe la ga Jehofa.
26Ke gone ka moo a ba tsholeletsa seatla sa gagwe, o re o tlaa ba digela mo nageng;
27le gone a re, o tlaa digela losika lwa bone mo gare ga merafe, a ba gasagasa mo mafatsheng.
28Le gone ba ne ba ikopanya le Baalepeore, mme ba ja ditshupelo tsa baswi.
29Jalo ba mo tlhotlheletsa bogaleng ka madiro a bone, mme sebetso sa ba phagelela.
30Foo ga ema Finehase, mme a dirafatsa tshekiso; jalo sebetso sa khutlisiwa;
31mme moo, a go balelwa fa e le tshiamo go ya ditshikatshikeng tsotlhe ka bosenabokhutlo.
32Le gone ba mo gakatsa kwa metsing a Meriba, ga ba ga tla ga nna maswe mo go Moše ka ntlha ya bone;
33ka gobo ba rukhutlhela mowa wa gagwe, mme a bua ka phorumelo ka dipounama tsa gagwe.
34Ga ba a ka ba senya ditšhaba, jaaka Jehofa a ba laotse;
35ba itlhakanya le merafe, ba ithuta ditiro tsa yone.
36Ba direla medimo ya yone ya disetwa; e e tsileng ya nna seru mo go bone;
37ee, ba ntsha bomorwaa bone, le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo.
38Ba tsholola madi a a se nang molato, e bong madi a bomorwaa bone ba ba ba iseditseng medimo ya disetwa ya Kanana ditlhabelo; lefatshe la leswefadiwa ke madi.
39Jalo ba tsenngwa leswe ke ditiro tsa bone, ba akafala mo madirong a bone.
40Ke gone ka moo tšhakgalo ya ga Jehofa ya tukela batho ba gagwe, a fedisiwa pelo ke boswa jwa gagwe.
41Mme a ba tsenya mo seatleng sa merafe; mme ba ba ba ilang ba ba busa.
42Baba ba bone ba ba patika le gone; ba fenngwa, ba nna mo thateng ya seatla sa bone.
43A ba golola gantsintsi; le fa go ntse jalo ba nna borukhutlhi fela mo kgakololanong ya bone, ba ba ba isiwa kwa tlase mo boikepong jwa bone.
44Le fa go ntse jalo a tlhokomela pitlagano ya bone, mogang o utlwang selelo sa bone.
45A gakologelwa kgolagano ya gagwe, a ikwatlhaya ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gagwe.
46A ba a dira gore ba tlhomogelwe pelo ke botlhe ba ba ba tshwereng ba ba golegile.
47Re boloke, Jehofa, Modimo wa rona, o bo o re phuthe go re ntsha mo merafeng, go tla re ntshetsa leina la gago le le boitshepo malebogo, le go ja koma mo pakong ya gago.
48A go bakwe Jehofa, Modimo wa Iseraele, go tswa bosasimologeng go ya fela bosaengkae. Mme batho botlhe ba re: “A go nne jalo.” Bakang Jehofa.