Tswana 1992 Bible - 43 verses
1A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
2A barekolodwi ba go Jehofa ba bue jalo, ba o ba rekolotseng mo seatleng sa moganetsi;
3a ba phutha a ba ntsha mo mafatsheng, go tswa kwa botlhabatsatsi, le kwa bophirimatsatsi, kwa botsheka le kwa borwa.
4Ba ne ba pholetha mo nageng mo tseleng ya sekaka; ga ba a ka ba bona motse ope o o nnwang.
5Ba le tlala le lenyora, mowa wa bone wa idibala mo go bone.
6Foo ba goela kwa go Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba golola a ba ntsha mo dipitlaganong tsa bone.
7Le gone a ba goga ka tsela e e lolameng, gore ba ye go fitlha kwa motseng o o ka nnwang.
8A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho!
9Gonne o kgorisa mowa o o eletsang, le mowa o o bolailweng ke tlala o o kgorise ka molemo.
10Ba ba neng ba dutse mo lefifing le mo moriting wa loso, ba bofetswe mo patikong le mo tshiping;
11e le ka gonne ba rukhutlhetse mafoko a Modimo, ba tswitla kgakololo ya Mogodimodimo;
12ke gone ka ntlha ya mo, a pagolola pelo ya bone ka muhuhutso; ba wa, mme go se na ope yo o thusang.
13Foo ba ikuela Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba boloka, a ba ntsha mo dipitlaganong tsa bone.
14A ba ntsha mo lefifing le mo moriting wa loso, a komoganya dipofo tsa bone.
15A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho!
16Gonne o thubile ditswalo tsa kgotlho, a remaganya mephakalego ya tshipi.
17Ba ba dieleele ba tle ba bogisiwe ka ntlha ya ditlolo tsa bone, le ka ntlha ya maikepo a bone.
18Mowa wa bone o feretlhwe ke dilo tsotlhe fela, mme ba atamele kwa dikgorong tsa loso.
19Foo ba ikuele Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba golole a ba ntshe mo dipitlaganong tsa bone.
20A ise lefoko la gagwe, a ba fodise, a ba swatole mo ditshenyegong tsa bone.
21A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho!
22A ba ise ditlhabelo tsa tebogo, a ba kakanye ditiro tsa gagwe ka go opela.
23Ba ba fologelang kwa lewatleng ka dikepe, ba tiro ya bone e leng mo metsing a magolo;
24bao, ba bona ditiro tsa ga Jehofa, le dikgakgamatso tsa gagwe mo bodibeng jo bo botengteng.
25Gonne o a laola, mme a tsose phefo e e matsubutsubu e e kokomosang makhubu a yone.
26Ba tlhatlogela kwa legodimong, ba fologela gape kwa matennyeng; mowa wa bone o nyere o fele ka ntlha ya tlalelo.
27Ba theekele, ba kgokgweetsege jaaka motho yo o tagilweng, mme ba felelwe ke maano otlhe a bone.
28Foo ba goele kwa go Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba swatole mo dipitlaganong tsa bone.
29A ritibatse matsubutsubu, makhubu a one a ba a tla a tle a eme fela.
30Foo ba ipele ka gobo ba iketlile; jalo a ba gorosetse mo bogorogelong jo ba ratang ba bo ba le mo go jone.
31A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho!
32A ba ke ba mo goletse le mo phuthegong ya seลกaba, ba mmake mo sennong sa bagolwane.
33O fetola dinoka naga fela, le metswedi ya metsi mmu o o nyorilweng;
34le lefatshe le le matshebe a le fetole sekaka se se letswai ka ntlha ya boleo jwa ba ba agileng mo go lone.
35A fetole naga fela mogobe o o metsi, le lefatshe le le omeletseng metswedi ya metsi.
36A agise ba ba bolailweng ke tlala gone, gore ba tle ba baakanye motse o o ka nnwang;
37ba jale masimo, ba tlhome masimo a mafine, mme ba iponele maungo a totafalo.
38Le gone a ba segofatse, ba tle ba nne ba ntsifale thata; mme a sa leseletse dikgomo tsa bone go ngobela.
39Gape ba ngotlege, ba kokobediwe ka patiko, le tlalelo le bohutsana.
40O gorometsa lonyatso mo dikgosaneng, a di pholethise mo dipoeng fela, kwa go se nang tsela gone.
41Le fa go ntse jalo, motlhoki o tle a mmeye kwa godimo kwa ntle ga pogiso, a mo dire ditshika jaaka letsomane.
42Bathokgami ba tlaa go bona, ba itumela; mme boikepo jotlhe bo tlaa ithiba molomo wa jone.
43Le fa e le bomang ba ba botlhale, ba tlaa ela dilo tse tlhoko, mme ba tlaa akanya mautlwelobotlhoko a ga Jehofa.