Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Modimo, pelo ya me e nitame; ke tlaa opela, ee, ke tlaa opela dipako, le ka e e leng kgalalelo ya me.
2Tsogang, saletare le harepe; nna ka nosi ke tlaa tsoga ka maphakela a magolo.
3Ke tlaa go ntshetsa malebogo mo gare ga ditšhaba, Jehofa; ke tlaa go opelela dipako mo gare ga merafe.
4Gonne boutlwelobothoko jwa gago bo le bogolo godimo ga magodimo, le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa maaping.
5O nne o golediwe, Modimo, godimo ga magodimo; le kgalalelo ya gago godimo ga lefatshe lotlhe.
6Boloka ka letsogo la gago le legolo, mme o re arabe, gore baratwi ba gago ba gololwe.
7Modimo o buile mo boitshepong jwa one; wa re: “Ke tlaa kgana ka boitumelo; ke tlaa kgaoganya Shekeme, ke ba ke lekalekanya mokgatšha wa Sukothe.
8Gileate ke ga me; Manase ke ga me; Eferaime le ene ke phemelo ya tlhogo ya me; Juta ke thobane ya me ya bogosi.
9Moabe ke mogopo wa me o o tlhapelang; setlhako sa me ke tlaa se latlhela mo Etome; ke tlaa kgana ka Filisitia.”
10Ya bo e le mang yo o tlaa nkisang mo motseng o o thekeleditsweng? Ya bo e le mang yo o nkgogetseng mo Etome?
11A ga o a re latlha Modimo? Mme o sa bolole le dintwa tsa rona, Modimo.
12Re tlhabantshe le moganetsi, ka gobo thuso ya motho ke lefela fela.
13Re tlaa dira ka bonatla ka Modimo, gonne ke one o tlaa gatakang baganetsi ba rona.