Tswana 1992 Bible - 31 verses
1O se ka wa didimala Modimo wa pako ya me;
2gonne molomo wa baikepi, le molomo wa tsietso, ba o nkatlhamiseditse, ba buile le nna ka loleme lwa maaka.
3Ba ne ba ntikanyeletsa ka mafoko a kilo, ba tlhabana le nna ka bomo.
4Nna ke lorato mo go bone, mme bone ke baganetsi ba me; mme ke ineela mo thapelong.
5Ba ntueletse molemo ka bosula, le lorato lwa me ka letlhoo.
6Mo tlhomele motho yo o moikepi go mo laola; a moganetsi a mo eme ka fa letsogong la gagwe le legolo.
7A e re a atlholwa, a tswe a le molato; mme a morapelo wa gagwe o fetoge boleo.
8A malatsi a gagwe a nne mabotlana; mme a motho o sele a tseye tirelo ya gagwe.
9A bana ba gagwe ba nne masiela fela, le mosadi wa gagwe a nne moswagadi fela.
10A bana ba gagwe ba nne bakaidikaidi, mme ba kope; mme a ba senke sejo sa bone kwa kgakala le matlotla a bone.
11Mme a moikgagapeledi a phamole gotlhe mo o nang nago; a baeng ba ntshe mofufutso wa gagwe thopo.
12A go se nne ope yo o tlaa mo direlang boutlwelobotlhoko; le gone a go se nne ope yo o tlhomogelang masiela a gagwe pelo.
13A losika lwa gagwe lwa kwa morago lo kgaolwe; e tlaa re mo losikeng lo lo rulaganang nalo a leina la bone le phimolelwe ruri.
14A boikepo jwa borraabo bo gakologelwe ke Jehofa; a boleo jwa ga mmaabo bo se phimolelwe ruri.
15A bo nne bo nne fa pele ga Jehofa ka gale, gore a tle a kgaole kgakologelo ya bone mo lefatsheng.
16Gonne a se ka a gakologelwa go itshupa kutlwelobotlhoko, mme a bogisa motho wa mohumanegi, le wa motlhoki, le wa pelo e e phatlogileng, gore a ba bolaye.
17Ee, a rata khutsakanyo, mme e tsile mo go ene; ga a ka a kgatlhwa ke go segofatsa, ga bo go le kgakala le ene.
18Le gone a ikapesa ka khutsakanyo jaaka seaparo sa gagwe, mme ya tla ya tsena mo ditennyeng tsa gagwe jaaka metsi, le jaaka lookwane mo marapong a gagwe.
19A e nne mo go ene jaaka seaparo se o ipipang ka sone, le jaaka moitlesi o o itlamang ka one ka gale.
20Eo ke yone tuelo ya baganetsi ba me, e e tswang mo go Jehofa, le ya ba ba buang bosula ka ga mowa wa me.
21Mme nna, o ntirele, wena Modimo, Morena, ka ntlha ya leina la gago, e re ka boutlwelobothloko jwa gago bo le molemo, o nkgolole.
22Gonne ke lehuma le botlhokwa, le pelo ya me e tlhabilwe mo teng ga me.
23Ke ile, jaaka moriti o o felang; ke akgwaakgwa jaaka tsie.
24Mangole a me a kgwetlhisiwa ke go tlhoka go ja; le nama ya me e tlhorega monono.
25Ke bile ke dule sekgobo mo go bone; e a re ba mpona ba thukhuthetse tlhogo tsa bone.
26A ko o nthuse Jehofa Modimo wa me; a ko o mpoloke ka fa boutlwelongbotlhoko jwa gago;
27gore ba tle ba itse fa se e le seatla sa gago; fa wena Jehofa o se dirile.
28A ba hutsakanye, mme wena o segofatse; ba tlaa re ba ema ba tlhajwe ke ditlhong, motlhanka wa gago ene o tlaa itumela.
29A baganetsi ba me ba apesiwe tlotlologo, mme a ba ipipe ka ditlhong tsa bone jaaka ka kobo.
30Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo a magolo ka molomo wa me; ee, ke tlaa mmaka fa gare ga bontsi jwa batho.
31Gonne o tlaa ema motlhoki ka fa letsogong le legolo, gore a mo golole mo go bone ba ba sekisang mowa wa gagwe.