Tswana 1992 Bible - 10 verses
1Bakang Jehofa. Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo ka pelo yotlhe ya me mo lekgotleng la bathokgami, le mo phuthegong.
2Ditiro tsa ga Jehofa di kgolo, di tlhotlhomisiwa ke botlhe ba ba kgatlhegang mo go tsone.
3Tiro ya gagwe ke tlotlo le borena, mme tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.
4O dirile gore ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang di gakologelwe; Jehofa o pelotshweu, o tletse pelotlhomogi.
5Ba ba mmoifang o ba neile dijo; o tlaa nna a gakologelwa kgolagano ya gagwe ka gale.
6O supeditse batho ba gagwe thata ya ditiro tsa gagwe, ka go ba naya boswa jwa merafe.
7Ditiro tsa diatla tsa gagwe ke boammaaruri le tshiamiso; dikaelo tsotlhe tsa gagwe di tlhomame.
8Di tlhomamisitswe ka bosakhutleng le ka bosaengkae, di dirilwe mo boammaaruring le mo thokgamong.
9O iseditse batho ba gagwe kgololo; kgolagano ya gagwe o e laoletse ruri; leina la gagwe le boitshepo, le a sisimogwa.
10Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale botlhe ba ba dirang ka ga gone ba na le tlhaloganyo e e molemo; pako ya gagwe e eme ka bosakhutleng.