Tswana 1992 Bible - 10 verses
1Bakang Jehofa. Go sego monna yo o boifang Jehofa, yo o kgatlhegang thata mo ditaolong tsa gagwe.
2Losika lwa gagwe lo tlaa natlafala thata mo lefatsheng; bana ba mothokgami ba tlaa segofala.
3Khumo e mo ntlong ya gagwe, le letlotlo; le tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.
4Mothokgami o tlhagelwa ke lesedi mo lefifing; o pelotshweu, o tletse pelotlhomogi, o siame.
5Go tle go atlegele motho yo o direlang batho ka bopelotshweu a ntshe a adime fela; o tlaa emela mafoko a gagwe sentle fa go le tsheko.
6Gonne ga a ketla a tshikinngwa gope; mosiami o tlaa nna a gopolwa ka bosenabokhutlo.
7Ga a ketla a tshosiwa ke mafoko a a bosula; pelo ya gagwe e nitame, e ikantse Jehofa.
8Pelo ya gagwe e tlhomame, ga a ketla a boifa, go tle go tsamaye a bone keletso ya gagwe mo babeng ba gagwe.
9O gasitse, o file batlhoki; tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng: lonaka lwa gagwe lo tlaa golediwa ka tlotlo.
10Moikepi o tlaa go bona, mme a hutsafale o tlaa huranya meno, mme a tlhapologele koo; keletso ya moikepi e tlaa nyelela.