Tswana 1992 Bible - 9 verses
1Bakang Jehofa. Bakang lona batlhanka ba ga Jehofa, bakang leina la gagwe.
2A go bakwe leina la ga Jehofa, go tloga fano gompieno go ya bosakhutleng.
3Go tswa botlhabatsatsi, go ya bophirimong jwa lone, leina la ga Jehofa le na le go bakwa fela.
4Jehofa o godimodimo, godimo ga merafe yotlhe, kgalalelo ya gagwe godimo ga magodimo.
5E mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona, yo setulo sa gagwe se kwa godimong?
6Yo o ikokobetsang gore a bone dilo tse di kwa legodimong le mo lefatsheng.
7O kakatlolola mohumanegi mo loroleng, a tsholetse motlhoki a mo tlose mo thotobolong;
8gore a tle a mmeye mo dikgosaneng, e bong mo dikgosaneng tsa batho ba gagwe.
9O dira gore mosadi yo o moopa a nne le motse, le go nna mma bana yo o itumelang. Bakang Jehofa.