Tswana 1992 Bible - 8 verses
1E rile Iseraele a tswa mo Egepeto, le ntlo ya ga Jakobe mo bathong ba puo e sele,
2Juta a tla a nna felo ga gagwe ga boitshepo, le Iseraele bogosi jwa gagwe.
3Lewatle la go bona, la tshaba; Joretane a kgarametsegela kwa morago.
4Dithaba tsa ja mokaragana jaaka diphelefu, dithotana jaaka dikwanyana.
5O a bo o reng, wena lewatle fa e bo ne ne o tshaba jaana? Wena Joretane fa e bo ne ne o boela kwa morago jaana?
6Lona dithaba, lwa reng, ka e le fa lo ja mokaragana jaaka diphelefu? Lona dithotana jaaka dikwanyana?
7Roroma, wena lefatshe, fa pele ga Morena, fa pele ga Modimo wa ga Jakobe;
8yo o fetotseng lefika la nna mogobe wa metsi, le legakwa la nna motswedi wa metsi.