Tswana 1992 Bible - 6 verses
1Go sego mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe.
2Gonne o tlaa ja tiro ya diatla tsa gago; o tlaa segofala, mme go tlaa nna sentle nao.
3Mosadi wa gago o tlaa nna jaaka mofine o o ungwang thata mo tengteng ga ntlo ya gago; bana ba gago ba tlaa nna jaaka matswela a motlhware, ba dikanyetsa lomati lwa bojelo lwa gago.
4O bo o bone gore monna yo o boifang Jehofa o tlaa segofadiwa jalo.
5Jehofa o tlaa go segofatsa a le mo Sione; mme o tlaa bona molemo wa Jerusalema ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago.
6Ee, o tlaa bona bana ba bana ba gago. A kagiso e nne mo go Iseraele.