Tswana 1992 Bible - 15 verses
1Utlwa e e leng tshiamo Jehofa, o tlhokomele go goa ga me; tsebe o e beele morapelo wa me o o sa tsweng mo dipounameng tse di ipatang.
2Go atlholwa ga me a go tswe mo go wena; matlho a gago a lebe ka tekatekanyo.
3O hukuditse pelo ya me; o ntekotse bosigo; o ntekile, mme ga o a fitlhela sepe; ke ikaeletse go re molomo wa me ga o ketla o tlola.
4Ka ga ditiro tsa batho, ke ithibile mo ditseleng tsa bathubaki ka lefoko la dipounama tsa gago.
5Dikgato tsa me di tshwere ditselana tsa gago ka thata, dinao tsa me ga di a relela.
6Ke bileditse koo go wena, gonne o tlaa nkaraba Modimo; sekegela tsebe ya gago kwa go nna, o utlwe puo ya me.
7Supa bopelonomi jwa gago jwa lorato jo bo tseanyang wena yo o dibelang ba ba go ikanyang, o ba dibele ka letsogo la gago le legolo mo go ba ba ba tsogologelang.
8Mpoloka jaaka thaka ya leitlho, o mphitlhe mo moriting wa diphuka tsa gago.
9O ntshubele baikepi ba ba nthopang, baba ba me ba ba bolayang ba ba ntikileng.
10Ba apesitswe ke mahura a bone; ba bua ka boikgogomoso ka melomo ya bone.
11Ba re dikile jaanong mo dikgatong tsa rona; ba tlhoma matlho a bone gore ba re digele fa fatshe.
12O ntse jaaka tau e e bogagaru mo go se e se bolaileng, le jaaka ekete ledumedi le le lalelang mo mafelong a boiphitlho.
13Tloga o eme Jehofa, o mo kgatlhantshe, o mo dige; golola mowa wa me mo baikeping ka tลกhaka ya gago;
14mo banneng, ka seatla sa gago, Jehofa, mo banneng ba lefatshe ba kabelo ya bone e leng mo botshelong jono, le ba o ba kgorisang mpa ka khumo ya gago; ba itumedisiwa ke go tshola bana, mme letlotlo le le setseng ba le tlogelele banyana ba bone ba bannye.
15Ka ga me, ke tlaa leba sefatlhogo sa gago mo tshiamong; ke tlaa itumedisiwa ke tshwano ya gago mogang ke tsogang.