Tswana 1992 Bible - 50 verses
1Ke a go rata Jehofa, thata ya me.
2Jehofa ke lefika la me, le kago ya me ya phemelo, le mogolodi wa me; Modimo wa me, lefika la me le le thata, ke tlaa ikanya mo go one; thebe ya me, le lonaka lwa poloko ya me, le kago ya me e e godileng ya tlhabanelo.
3Ke tlaa bitsa Jehofa yo o tshwanetsweng ke go bakwa; jalo ke tlaa bolokwa mo babeng ba me.
4Dikgole tsa loso di ne di ntsentse gare, le merwalela ya boikepo ya mpoifisa.
5Dikgole tsa Bobipo di ne di ntharile; dirai tsa loso tsa nkwela.
6Mo pitlaganong ya me ka bitsa Jehofa, ka goela Modimong wa me; a utlwa lentswe la me a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo, selelo sa me fa pele ga gagwe sa mo tsena ka ditsebe.
7Foo lefatshe la reketla la roroma, metheo ya dithaba le yone ya suta ya reketla, ka gobo a le bogale thata.
8Ga kua mosi o tswa dinkong tsa gagwe, molelo o o tswang mo molomong wa gagwe wa laila; magala a tshubiwa ke one.
9Magodimo le one a a oba, a ba a fologa; lefifi le lentsho la bo le le fa tlase ga dinao tsa gagwe.
10A bo a palame tšheruba, a fofa; ee, a fofa ka bofefo mo diphukeng tsa phefo.
11A dira lefifi felo ga gagwe ga maiphitlho, mogope wa gagwe ka fa ntlheng tsotlhe tsa gagwe; lefifi la metsi, maru a maima a legodimo.
12Ka go galalela mo go neng go mo eteletse pele, maru a gagwe a maima a feta, sefako le magala a molelo.
13le gone Jehofa a dumisa maru mo magodimong, Mogodimodimo a ntsha kodu; sefako le magala a molelo.
14A hula metswi ya gagwe a ba phatlalatsa; ee, dikgadima di le dintsi mme a ba phatlalatsa a ba alola.
15Foo meedi ya metsi ya bonala, metheo ya lefatshe le yone ya bipololwa, ka kgalemo ya gago, Jehofa, ka pudulo ya mowa wa dinko tsa gago.
16A roma a le godimong, a ntsaya; a ntshwatola mo metsing a magolo.
17A nkgolola mo mmabeng wa me yo o thata, le mo go ba ba nkidileng, gonne ba le thata bobe mo go nna.
18Ba ne ba nkwela godimo mo letsatsing la tatlhego ya me; mme Jehofa ya nna ene seitshwarelelo sa me.
19A nntshetsa kwa felong fa go atlhameng; a nkgolola, ka gobo a itumela thata mo go nna.
20Jehofa o ne a ntuela ka fa tshiamong ya me; ka fa go itshepeng ga diatla tsa me o ntefetse.
21Gonne ke tshwere ditsela tsa ga Jehofa, le gone ga ke a kgaogana le Modimo wa me ka go ikepa.
22Gonne dikatlholo tsotlhe tsa gagwe di ne di le fa pele ga me, mme ke se ka ka tlosa melao ya gagwe fa go nna.
23Le gone ke ne ke le boitekanelo mo go ene, mme ka ithiba mo boikepong jwa me.
24Ke gone ka moo Jehofa o ntefetseng ka fa tshiamong ya me, ka fa go itshepeng ga diatla tsa me mo matlhong a gagwe.
25Yo o kutlwelobotlhoko o tlaa mo itshupetsa fa o le kutlwelobotlhoko; monna yo o boitekanelo o tlaa mo itshupetsa o le boitekanelo;
26yo o itshekileng o tlaa mo itshupetsa o le boitsheko; yo o kgopo o tlaa mo itshupetsa fa o le lesoko.
27Gonne o tlaa boloka batho ba ba patikwang; matlho a a kadileng o tlaa a bokalatsa.
28Gonne o tlaa tshuba lobone lwa me; Jehofa Modimo wa me o tlaa bonesa lefifi la me.
29Gonne ke sotlhomela lesomo ka wena; ke ba ke tlola lorako ka Modimo wa me.
30Ka ga Modimo, tsela ya one e lekanetse; lefoko la ga Jehofa le lekilwe; ene ke thebe mo go bone botlhe ba ba mo ikanyang.
31Gonne yo e leng Modimo ke mang, fa e se Jehofa? Yo o leng lefika ke mang, fa e se Modimo wa rona?
32E bong Modimo o o ntlamang ka nonofo, o bo o dire tsela ya me e nne boitekanelo.
33O dira dinao tsa me go nna jaaka maoto a tshephe; mme o mpeye mo mafelong a me a a godimo.
34O ruta diatla tsa me go tlhabana; mabogo a me a ba a tle a obe bora jwa kgotlho.
35O bile o nneile le thebe ya poloka ya gago; letsogo la gago le le siameng le ntshegeditse, le bonolo jwa gago bo ntirile mogolo.
36Dikgato tsa me o di atlhamoloseditse fa tlase ga me, dinao tsa me ga di a relela.
37Ke tlaa khukhela baba ba me, ke ba tshwara; le gone ga nketla ke bowa go tsamaya ba nyelediwa pele.
38Ke tlaa ba kgabuka, ba ba ba tla ba retelelwa ke go tsoga; ba tlaa wela fa tlase ga dinao tsa me.
39Gonne o ntlamanyeditse tlhabano ka nonofo; bone ba ba neng ba ntsogologetse o ba khubamisitse fa tlase ga me.
40Le gone o dirile gore baba ba me ba nneye mekotla gore ke tle ke kgaole ba ba nkilang.
41Ba ne ba goa, mme ga bo go se na ope yo o bolokang; le kwa go Jehofa, mme a se ka a ba araba.
42Foo ka ba leta jaaka lorole fa pele ga phefo; ka ba gelolela kwa ntle jaaka seretse sa mebila.
43O nkgolotse mo petapetanong tsa batho; o ntirile tlhogo ya merafe; sešaba se ke ntseng ke sa se itse se tlaa ntirela.
44Ba tlaa re fela ba utlwa ga me, ba bo ba ineela fela mo go nna; baeng ba tlaa inkhubamisetsa.
45Baeng ba tlaa kaologa, mme ba tlaa tla ba roroma, ba tswa mo dipharong tsa bone.
46Jehofa o tshedile; a go bakwe lefika la me; a go godisiwe Modimo wa poloko ya me;
47e bong Modimo o o mpusolosetsang, o ba o khubamisa batho fa tlase ga me.
48O mphalodisa mo babeng ba me; ee, o a tle o nkgoleletse godimo ga ba ba ntsogologelang; o nkgolole mo mothong yo o thubakang.
49Ke gone ka mo ke tlaa go ntshetsang malebogo, Jehofa, mo merafeng, ke tlaa opelela leina la gago dipako.
50O naya kgosi ya gagwe kgololego e kgolo; o supetsa motlodiwa wa gagwe bopelonomi mo go Dafite le losika lwa gagwe go ya bosakhutleng.