Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Nkatlhola, Jehofa, gonne ke ntse ke tsamaya mo go tlhokeng molato ga me; ke bile ke ikantse Jehofa, ke sa kabakanye.
2Nkeleka, Jehofa o mphukutse; leka diphilo tsa me, le pelo ya me.
3Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo fa pele ga matlho a me; mme ke ntse ke tsamaya mo boammaaruring jwa gago.
4Ke ntse ke sa dule le batho ba boithamako; le gone ga nketla ke tsenatsena le baitimokanyi.
5Ke ila phuthego ya badira dibe, ke gana go dula le baikepi.
6Ke tlaa tlhapa diatla tsa me mo bophepeng fela; jalo ke tlaa dikanyeletsa sebeso sa gago, Jehofa.
7Gore ke tle ke utlwatse lentswe la tebogo, ke be ke bolele ka ga ditiro tsotlhe tsa gago tse di gakgamatsang.
8Jehofa, ke rata boago jwa ntlo ya gago le felo fa kgalalelo ya gago, e agileng gone.
9O se ka wa gogobela mowa wa me le baleofi, le fa e le botshelo jwa me le batsholodi ba madi;
10ba bosenyi bo mo diatleng tsa bone, le ba seatla sa bone se segolo se tletseng dituelo tsa phaposo.
11Ka ga me ke tlaa nna ke tsamaya mo go tlhokeng molato ga me; nthekolola, mme o nne kutlwelobotlhoko mo go nna.
12Lonao lwa me lo eme fa go papannweng; ke tlaa baka Jehofa mo diphuthegong.