Tswana 1992 Bible - 14 verses
1Jehofa ke lesedi la me, le poloka ya me; ke tlaa boifa mang? Jehofa ke thata ya botshelo jwa me, ke tlaa nna mo poifong ka ga mang?
2E rile badira bosula ba nkwela ba tla go ja nama ya me, e bong baganetsi ba me le baba ba me, ba kgopiwa ba wa.
3Le fa ntwa e ka tla ya thibelela fa tlase ga me, pelo ya me ga e ketla e boifa; le fa tlhabano e ka tla ya ntsogela, le gone moo ke tlaa nna boikanyo fela.
4Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe.
5Gonne e tlaa re mo motlheng wa khuduego o tlaa mpoloka ka go sa itsiweng mo mogopeng wa gagwe; o tlaa mphitlha mo sekhuting sa motlaagana wa gagwe; o tlaa ntsholetsa a mpaya mo lefikeng.
6Mme jaana tlhogo ya me e tlaa tsholediwa godimo ga baba ba me ba ba mo tikologong ya me; mme ke tlaa isa mo motlaaganeng wa gagwe ditshupelo tsa meduduetso; ke tlaa opela, ee, ke tlaa opelela Jehofa dipako.
7Jehofa, utlwa mogang ke goang ka lentswe la me; o bo o nkutlwele botlhoko, mme o nkarabe.
8E rile fa o re: โBatlang sefatlhogo sa me,โ pelo ya me ya go raya ya re: โSefatlhogo sa gago Jehofa, ke tlaa se batla.โ
9O se ka wa mphitlhela sefatlhogo sa gago; o se ka wa kgorometsa motlhanka wa gago ka bogale; wena o ntse o le thuso ya me; o se ka wa ntatlha, le gone o se ka wa ntlogela, wena Modimo wa poloko ya me.
10Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.
11Nthuta motlhala wa gago, Jehofa, o ntsamaise mo tseleng e e bonalang, ka ntlha ya baba ba me.
12O se ka wa nneela mo go rateng ga baganetsi ba me; gonne basupi ba maaka ba ntsogologetse, le ba ba budulang bopeloethata.
13Nkabo ne ne fano ke idibetse, fa ke ne ke se ka ka dumela fa ke tlaa bona molemo wa ga Jehofa mo lefatsheng la batshedi.
14Lebelela mo go Jehofa; o nne thata, mme a pelo ya gago e natlafale; ee, lebelela mo go Jehofa.