Tswana 1992 Bible - 9 verses
1Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena, Jehofa; lefika la me, o se ka wa ipaya bosusu mo go nna; e ka tla ya re fa o ntidimaletse, ka nna jaaka ba ba fologelang mo moleteng.
2Utlwa lentswe la mekokotlelo ya me, mogang ke go kuang, mogang ke tsholeletsang mabogo a me kwa felong ga bobuelo fa go boitshepo ga gago.
3O se ka wa nkgogolela le baikepi, le ba ba dirang tshiamololo; ba ba buang kagiso le ba ga bone, mme go senya go le mo pelong tsa bone.
4Ba neye ka fa tirong ya bone le ka fa boikepong jwa go diradira ga bone; ba neye ka fa go direng ga diatla tsa bone; o ba neye tshwanelo ya bone.
5E re ka ba sa tlhokomele ditiro tsa ga Jehofa, le go dira ga diatla tsa gagwe, o tlaa ba rutlolola, e seng go ba a ba aga.
6A go bakwe Jehofa ka a utlwile lentswe la mekokotlelo ya me.
7Jehofa ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ikantse mo go ene, mme ke thusegile; ka moo pelo ya me e itumela thata; mme ke tlaa mmaka ka sefela sa me.
8Jehofa ke thata ya bone, e bile ke kago e e thata ya phemelo ya poloka ya motlodiwa wa gagwe.
9Boloka batho ba gago, mme o segofatse boswa jwa gago; o ba otle le gone, o ba belege ka bosakhutleng.