Tswana 1992 Bible - 11 verses
1Nayang Jehofa, lona bomorwa ba ba thata, nayang Jehofa kgalalelo le nonofo.
2Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; obamelang Jehofa mo bontleng jwa boitshepo.
3Lentswe la ga Jehofa le mo godimo ga metsi; Modimo wa kgalalelo o dumisa maru, e bong ene Jehofa mo godimo ga metsi a magolo.
4Lentswe la ga Jehofa le nonofile; lentswe la ga Jehofa le tletse borena.
5Lentswe la ga Jehofa le roba ditlhare tsa masetara; ee, Jehofa o robaganya masetara a Lebanone.
6O bile o a kalapisa jaaka namane; Lebanone le Sirione jaaka pholwana ya nare.
7Lentswe la ga Jehofa le fatoganya dikgabo tsa molelo.
8Lentswe la ga Jehofa le roromisa naga; Jehofa o roromisa naga ya Kateลกa.
9Lentswe la ga Jehofa le tsadisa ditshephe, le be le fotlhele dikgwa ruri; mme mo tempeleng ya gagwe dilo tsotlhe tsa re: โKgalalelo!โ
10Jehofa o ne a dutse e le kgosi kwa morwaleleng; ee, Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng.
11Jehofa o tlaa naya batho ba gagwe nonofo; Jehofa o tlaa segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.