Tswana 1992 Bible - 8 verses
1A e re ke bitsa o nkarabe Modimo wa tshiamo ya me; o nkatlhamoloseditse bonno ke le mo pitlaganong; nkutlwela botlhoko mme o utlwe morapelo wa me.
2Lona bomorwa batho, ana kgalalelo ya me e tlaa fetolwa tlotlologo goleele go le kaye? Lo tlaa rata dinyana lo latela maaka goleele go le kaye? Sela.
3Itseng fa Jehofa a ipeetse ene yo e leng moetsa Modimo fa thoko; Jehofa o tlaa utlwa mogang ke tlhaeleletsang kwa go ene.
4Emang ka poifo, mme lo se leofe; buabuang ka dipelo tsa lona mo malaong a lona, mme lo tuulale. Sela.
5Isang ditlhabelo tsa tshiamo, lo ikanye Jehofa.
6Go na le bantsi ba ba reng, e mang yo o tlaa re bontshang sengwe se se molemo? Jehofa, re tsholeletse lesedi la sefatlhogo sa gago.
7O tsentse boitumelo mo pelong ya me, go gaisa jwa bone jwa motlha o mabele a bone le bojalwa jwa bone jwa mofine di totileng.
8Ke tlaa rapama ke ba ke robala mo kagisong; gonne Jehofa ke wena wesi yo o nkagisang mo polokegong.