Tswana 1992 Bible - 28 verses
1Jehofa, ganela le ba ba ganelang le nna; o tlhabane le ba ba tlhabanang le nna.
2Tsaya thebe le thejane, mme o nkemele go nthusa.
3Lerumo le lone o le somole, mme ba ba nkhukhelang o ba thibele tsela; o reye mowa wa me, o re: “Ke nna poloka ya gago.”
4Ba ba tsomang mowa wa me a ba tlhajwe ke ditlhong ba tlotlololwe; ba ba logang maano a go nkutlwisa botlhoko, a ba busediwe kwa morago, ba sosobaganngwe.
5A ba nne jaaka mmoko mo phefong, e be e nne moengele wa ga Jehofa yo o ba kgopholang.
6A tsela ya bone e nne lefifi le borethe, e le moengele wa ga Jehofa yo o ba khukhelang.
7Gonne ba ntshubetse lotloa lwa bone mo lehuting ka bomo; ba epetse mowa wa me lemena ka bomo.
8A tshenyego e mo wele a itebetse; a lotloa lwa gagwe lo o lo fitlhileng lo tshware ene ka esi; a a wele mo tshenyegong eo ka yosi.
9Mowa wa me o tlaa nna ka boitumelo mo go Jehofa; o tlaa itumela mo polokeng ya gagwe.
10Marapo a me otlhe a tlaa re: “Jehofa, mang yo o tshwanang nao? Yo o gololang mohumanegi mo go yo o thata bogolo go ene, ee, mohumanegi le motlhoki mo go ene yo o mo thukhuthang?”
11Basupi ba ba sa siamang ba tle ba eme, ba mpotse ka ga dilo tse ke sa di itseng.
12Ba ntefela molemo ka bosula, ba thukhutha mowa wa me.
13Mme ka ga me, e rile ba le botlhoko, go apara ga me ya bo e le matsela a kgetse; ka patika mowa wa me ka go ikitsa go ja; morapelo wa me wa ba wa boela mo sehubeng sa me.
14Ka etsa jaaka ekete ke direla tsala ya me kgotsa ngwana wa ga rre; ka obega ka khutsafalo jaaka mongwe yo o lelelang mmaagwe.
15Nna e rile ke tlhotsa, bone ba itumela, ba ba ba phuthega mmogo; ba babenyana ba mphuthegela mmogo, mme ka bo ke sa itse; ba nkgagola ba se ka ba khutla,
16jaaka basotli ba ba matlhapa mo medirong, ba ntšhenetse meno.
17Jehofa o tlaa leba fela goleele go le kaye? Falodisa mowa wa me mo ditshenyong tsa bone; moratwanyana wa me mo ditaung.
18Ke tlaa go ntshetsa malebogo mo phuthegong e kgolo; ke tlaa go baka mo bontsing jo bogolo jwa batho.
19A ba e leng baba ba me ba se itumele ka nna ka mo go sa siamang; le gone ba ba nkilang ka bomo a ba se soke leitlho.
20Gonne ga ba bue kagiso; ba baakanyetsa ba ba ntseng ba ituletse fela mo lefatsheng mafoko a tsietso.
21Ee, ba nkatlhamisetsa melomo ya bone thata; ba re: “Ahe! Ahe! Leitlho la rona le go bonye.”
22Jehofa, wena o go bonye; o se ka wa didimala; Jehofa o se ka wa nna kgakala le nna.
23Kubuga, o tsogele katlholo ya me, e bong go mo go sekwang ga me, Modimo wa me le Morena wa me.
24Nkatlhola, Jehofa, Modimo wa me, ka fa tshiamong ya gago; a ba se itumele ka nna.
25A ba se bue mo pelong ya bone ba re: “Ahe! Re rata ga nna jalo.” A ba se re: “Re mo komeditse.”
26A ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobaganngwe mmogo ba ba itumelelang kutlobotlhoko ya me; a ba ba inkgodisetsang ba apesiwe ditlhong le tlotlologo.
27Ba ba tshabang le nna ka ga mo ke go sekang ga tshiamo, a ba duduetse ka boitumelo; ee, a ba nne ba re ka gale: “A go goletsege Jehofa yo o kgatlhwang ke go kokotlegela ga motlhanka wa gagwe.”
28Loleme lwa me lo tlaa bua ka ga tshiamo ya gago, le ka ga pako ya gago ka letsatsi lotlhe fela.