Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Tlolo ya moikepi e bua mo pelong ya me, ya re: Ga go na poifo ya Modimo fa pele ga matlho a gagwe.
2Gonne o iphora mo matlhong a gagwe, a re, boikepo jwa gagwe ga bo ketla bo lemogwa, bo ilwa.
3Mafoko a molomo wa gagwe ke boikepo le tsietso fela; o baketse go nna botlhale le go dira molemo.
4O loga maano a boikepo mo bolaong jwa gagwe; o ipaya mo tseleng e e seng molemo; ga a feretlhwe ke bosula.
5Bopelonomi jwa gago jwa lorato Jehofa, bo kwa magodimong; boikanngo jwa gago bo fitlha kwa marung.
6Tshiamo ya gago e tshwana jaaka dithaba tsa Modimo; dikatlholo tsa gago ke lediba le le boteng jo bogolo; Jehofa, o tlamela batho le ditshedi.
7Ana bopelonomi jwa gago jwa lorato bo botlhokwa jang, Modimo! E bile bana ba batho ba tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago.
8Monono wa ntlo ya gago ba tlaa o kgora thata; o tlaa ba nosa ka noka ya tse di natefang tsa gago.
9Gonne motswedi wa botshelo o ntse nao; mo leseding la gago re tlaa bona lesedi.
10A o ko o tsweleleletse bopelonomi jwa gago jwa lorato mo go ba ba go itseng; le tshiamo ya gago mo go ba ba dipelo di thokgameng.
11A lonao lo lo mabela lo se tle fa go nna; a seatla sa moikepi se se nkgarametse.
12Gone ba ba dirang boikepo ba ole; ba gateletswe, mme ga ba ketla ba nonofa go tsoga.