Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Tlhwaela mafoko a me tsebe Jehofa, o gopole go akanya ga me.
2Reetsa lentswe la go goa ga me, Kgosi ya me, le Modimo wa me; gonne ke rapela wena.
3Jehofa, o tlaa utlwa lentswe la me go sa le ka moso; e tlaa re go sa le ka moso, ke tlaa rulaganyetsa morapelo wa me kwa go wena, mme ke tlaa lebelela.
4Gonne ga o Modimo o o nang le go kgatlhwa ke boikepo; bosula ga bo ketla bo tlhola le wena.
5Baitelaganyi ga ba ketla ba ema mo ponong ya gago; o ila badiri botlhe ba boikepo.
6O tlaa senya ba ba buang maaka. Jehofa o fedisiwa pelo fela ke monna yo o gakaletseng polao, le wa tsietso.
7Fa e le ka ga me, ke tlaa tsena mo ntlong ya gago ka bontsi jwa mapelonomi a gago a lorato; le mo poifong ya gago ke tlaa obama ke lebile kwa tempeleng ya gago e e boitshepo.
8Nkgoga Jehofa mo tshiamong ya gago ka ntlha ya baba ba me; dira tsela ya gago gore e bonale sentle fa pele ga sefatlhogo sa me.
9Gonne ga go na boikanngo mo melomong ya bone; boteng jwa bone ke boikepo ka bosi; memetso ya bone ke phupu e e atlhameng; ba rethefatsa diteme tsa bone.
10Ba kaye molato, Modimo; a ba we ka dikgakololo tse e leng tsa bone; o ba kgoromeletse kwa ntle ka bontsi jwa ditlolo tsa bone; gonne ba go tsuololetse.
11A botlhe ba ba go ikanyang ba itumele, ba duduetse ka boitumelo ka gale, ka o ba femetse; a le bone ba ba ratang leina la gago ba ipele mo go wena.
12Gone o tlaa segofatsa mosiami: Jehofa, o tlaa mo dikanyeletsa ka letlhogonolo jaaka ka thebe.