Tswana 1992 Bible - 10 verses
1Jehofa, o se ka wa nkgalemela ka bogale jwa gago, le gone o se ka wa nkwatlhaya ka bogale jwa gago jo bo tukang.
2Nkutlwela botlhoko Jehofa; gonne ke swabile fela; Jehofa, o mphodise, gonne marapo a me a remegile.
3Mowa wa me le one o tshwenyegile thata; mme wena, Jehofa, e tlaa nna goleele go le kaye?
4Boela mo go nna Jehofa, o golole mowa wa me: o mpoloke ka ntlha ya bopelonomi jwa gago jwa lorato.
5Gonne mo losong ga o na go gakologelwa; mo Bobipong yo o tlaa go lebogang e tlaa nna mang?
6Ke lapile ka go duma ga me; ka masigo otlhe ke kolobetsa bolao jwa me; ke kolobetsa phate ya me ka dikeledi tsa me.
7Leitlho la me le a fela ka ntlha ya bohutsana; le a onala ka ntlha ya baganetsi botlhe ba me.
8Ntlogelang lona lotlhe badiri ba boikepo; gonne Jehofa o utlwile lentswe la go lela ga me.
9Jehofa o utlwile mekokotlelo ya me; Jehofa o tlaa amogela morapelo wa me.
10Baba ba me botlhe ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ba tshwenyega thata; ba tlaa boela kwa morago, ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka tshoganetso fela.