Tswana 1992 Bible - 6 verses
1Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo.” Ba bodile, ba dirile boikepo jo bo maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo.
2Modimo o ne wa okomela bana ba batho o le kwa legodimong, gore o tle o bone bo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba senka Modimo.
3Botlhe fela ba boetse kwa morago; ba atlafetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.
4Ba ba dirang boikepo a ga ba na kitso? Ba ba jang batho ba me ba ba swetsa jaaka ekete ba ja bogobe, mme ba bo ba sa bitse Modimo.
5Golo foo ba nna mo poifong e kgolo kwa poifo e ne e seyo gone; gonne Modimo o faladitse marapo a yo o thibelelang go tlhabana nao; o ba tlhabisitse ditlhong, gonne Modimo o ba ganne.
6Ao! A bo poloko ya Iseraele e ka bo e tsile e tswa Sione! E tlaa re motlhang Modimo o bosang botshwaro jwa batho ba one, foo Jakobe o tlaa itumela, le Iseraele o tlaa ipela.