Tswana 1992 Bible - 7 verses
1Mpoloka, Modimo, ka leina la gago; mme o nkatlhole mo bonatleng jwa gago.
2Utlwa morapelo wa me Modimo; sekegela mafoko a molomo wa me tsebe.
3Gonne batho ba sele ba ntsogologetse, batho ba ba thubakang ba tsomile mowa wa me; ga ba a baya Modimo fa pele ga bone. Sela.
4Bonang, Modimo ke mothusi wa me; Morena o na le ba ba tshegetsang mowa wa me.
5O tlaa lefetsa bosula mo babeng ba me; ba senye mo boammaaruring jwa gago.
6Ke tlaa go isetsa setlhabelo ka tshupelo e e ntshiwang ka pelotshweu fela; ke tlaa ntshetsa leina la gago malebogo, Jehofa, gonne le molemo.
7Gonne o nkgolotse mo tlalelong yotlhe; leitlho la me le bonye keletso ya me mo babeng ba me.