Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Jehofa Modimo wa me ke ikanya mo go wena; mpoloka mo go bone botlhe ba ba nkhukhelang, mme o nkgolole.
2O ka tla a gagola mowa wa me jaaka tau, a o gagoganyetsa ruri ka go se ope yo o gololang.
3Jehofa Modimo wa me e ka re fa ke dirile selo se; fa go na le boikepo mo diatleng tsa me;
4e re fa ke diretse ene yo o neng a le kagiso le nna bosula; (ee, ke golotse fela ene yo e neng e le moganetsi wa me wa ka bomo);
5jalo a mmaba a khukhele mowa wa me mme a o tshware. Ee, a a gatakele botshelo jwa me mo mmung, a beye kgalalelo ya me mo loroleng. Sela.
6Tloga o eme Jehofa ka bogale jwa gago; itlotloanyetse tšhakgalo ya baganetsi ba me; o bo o nkubugele; katlholo yone o e laotse.
7A phuthego ya ditšhaba e go dikanyeletse; mme o le fa godimo ga bone o boele kwa go ba okameng.
8Jehofa o direla ditšhaba katlholo; nkatlhola, Jehofa, ka fa tshiamong ya me le ka fa go tlhokeng molato ga me, mo go nna.
9Ao! A boikepo jwa baikepi bo khutle, mme o tlhomamise basiami; gonne Modimo o o tshiamo o leka dipelo le diphilo.
10Thebe ya me e mo Modimong o o bolokang ba ba pelo di thokgameng.
11Modimo ke moatlhodi yo o siameng, ee, one ke Modimo o o galefang ka malatsi otlhe.
12Fa motho a sa sokologe, o tlaa lootsa tšhaka ya one; o obile bora jwa one, o bo laetse.
13Le gone o mmaakanyeditse dibolao tsa loso; o dira metswi ya one go nna diphulo tse di molelo.
14Bonang, motho yoo o mo pelegong ka boikepo; ee, o ne a ithwele bosenyi, mme o tsetse maaka.
15O dirile lemena a le epa, o bile o wetse mo longopeng lo o lo dirileng.
16Bosenyi jwa gagwe bo tlaa boela mo tlhogong ya gagwe, go tlaa fologela mo phogong ya gagwe.
17Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo ka fa tshiamong ya gagwe; le leina la ga Jehofa yo o Mogodimodimo ke tlaa le opelela pako.