Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Dudueletsa Modimo, ka modumo wa boitumelo, wena lefatshe lotlhe:
2Opelela godimo kgalalelo ya leina la one; galaletsa pako ya one.
3Raya Modimo o re: βAna ditiro tsa gago di boitshega jang! Baba ba gago ba tlaa ineela mo go wena ka ntlha ya bogolo jwa thata ya gago.
4Lefatshe lotlhe le tlaa go obamela, le tlaa go opelela; ba tlaa opelela leina la gago.β Sela.
5Tlang, lo bone ditiro tsa Modimo; o a boitshega mo go direng ga one mo baneng ba batho.
6Lewatle o kile wa le fetola lefatshe le le omeletseng; ba ralala noka ka dinao; gone foo, ra itumela mo go one.
7O busa ka nonofo ya one ka bosakhutleng; matlho a one a tlhokometse merafe; a batsuolodi ba se ikgodise. Sela.
8A ko lo bakeng Modimo wa rona, lona ditΕ‘haba, lo utlwatse lentswe la pako ya one;
9o o tshegeleditseng mowa wa rona mo botshelong, o bo o sa leseletse dinao tsa rona go tshikinyega.
10Gonne wena Modimo o re lekile; o re lekile jaaka selefera se tle se lekwe.
11O ne wa re tlisa mo lotloeng; wa baya mokgweleo o o botlhoko mo dinokeng tsa rona.
12Ba ba pagameng o ba re tlodisitse godimo ga ditlhogo tsa rona; ra ralala molelo le metsi; wa re ntshetsa kwa felong fa go letlotlo.
13Ke tlaa tsena mo ntlong ya gago ka ditshupelo tsa phiso, ke tlaa go lefela maikano a me,
14a dipounama tsa me di a boletseng, le a molomo wa me o a buileng, jale ka ke le mo pitlaganong.
15Ke tlaa go isetsa ditshupelo tsa phiso, tsa tse di nonneng, di na le maswalo a diphelefu; ke tlaa isa dikgomo di na le dipodi tshupelo. Sela.
16Ntlong lo utlweng, lona lotlhe ba lo boifang Modimo, mme ke tlaa kakanya se o se diretseng mowa wa me.
17Ke ne ka tlhaeletsa kwa go one ka molomo wa me, wa ba wa bakwa thata ka loleme lwa me.
18Fa nkabo ke ne ka tsaya boikepo tsia mo pelong ya me, Jehofa o ne a tlaa se ke a reetse.
19Ruri Modimo o utlwile; o tsere lentswe la morapelo wa me tsia.
20A go bakwe Modimo o o se kang wa faposa morapelo wa me, le fa e le boutlwelobotlhoko jwa one go bo faposa mo go nna.