Tswana 1992 Bible - 7 verses
1A Modimo o nne boutlwelobotlhoko mo go rona, o re segofatse, o re phatsimisetse sefatlhogo sa one; Sela,
2gore tsela ya gago e itsiwe mo lefatsheng, le phodiso ya gago e e bolokang mo merafeng yotlhe.
3A ditšhaba di go bake Modimo, a ditšhaba tsotlhe di go bake.
4A merafe e ke e ipele, e opele ka boitumelo, ka gobo o tlaa atlhola ditšhaba ka tekatekanyo, o ba o busa merafe mo lefatsheng. Sela.
5A ditšhaba di go bake, Modimo; a ditšhaba tsotlhe di go bake.
6Lefatshe le ntshitse totafalo ya lone; Modimo, e bong Modimo wa rona tota, o tlaa re segofatsa.
7Modimo o tlaa re segofatsa; mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa o boifa.