Tswana 1992 Bible - 9 verses
1Jehofa, Morena wa rona, a bo leina la gago le le lentle mo lefatsheng lotlhe! Wena yo o tlhomileng kgalalelo ya gago godimo ga magodimo.
2O theile nonofo ka a a tswang melomong ya banyana le ba ba anyang, ka ntlha ya baganetsi ba gago, gore o tle o didimatse mmaba le mmusolosi.
3E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng;
4kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?
5Gonne o mo fokoditse boemo go le gonnye fela mo Modimong, wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo.
6Wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago; o beile dilo tsotlhe tlase ga dinao tsa gagwe;
7dinku tsotlhe le dikgomo, ee, le tsone ditshedi tsa naga;
8dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, sengwe le sengwe se se ralalang mawatle ka ditsela tsa one.
9Jehofa, Morena wa rona, ana leina la gago le lentle jang mo lefatsheng lotlhe fela!